Badiragatsi ba iteisanya borathana
17 Jul 2024
Kgwebo e e itebagantseng le tsa mokgabo ke nngwe ya tse di tsweletseng ka go fetoga le go tsholetsa itsholelo ya mafatshe.
Mosimolodi wa Keno Customs Suits Rre Donald Nnoto o buile se kwa dikgaisanyong tsa bosegi, mokgabo le go gata kwa Palapye bosheng. A re lefatshe leno le na le bokgoni jo bontsi mo go tsa bodiragatsi mme go tlhokana le gore bokgoni joo bo tsosolosiwe bo bo bo godisiwa. A re banana ba Batswana ba tsaya karolo mo go tsa go gata, tsa bodiragatsi le tse dingwe tsa mokgabo mme ba dira sentle, ka jalo ba tlhoka thotloetso.
A re go tseeng karolo mo, go buletse Batswana dikgoro mo go feletseng go tsholetsa folaga ya lefatshe leno. Mogolwane go tswa kwa National Arts Council of Botswana, Mme Obenne Mbaakanyi a re dikgaisanyo tseo di thusa go godisa botsipa. A re di fa badiragatsi ba mo gae sebaka sa gore ba rotloetsege le go itsege.
A re go dira tsa mokgabo ke bodiragatsi jo bo kgatlhisang, go batla motho yo o tlhaga. A re moroki o kgona go rokela mongwe sengwe se bo se ngoka leitlho la motho yo o kgakala se bo se felela se aparwa ke batho ba le bantsi.
Mme Mbaakanyi a re ntswa go na le mefuta e le mentsi ya mokgabo mo madirelong ka go farologana le kwa mafatsheng a sele, Batswana ba tshwanetse ba bone ka fa ba ka itshupang ka teng kana ba ka bonalang ka teng mme go itshupa moo go ka tswa mo ngwaong ya bone.
A dikgaisanyo tsa di fa badiragatsi sebaka sa gore ba buisanye ba bo ba ithute mo go ba bangwe e bile gape ba kgone go ipaakanya fa ba neng ba sa kgone teng.
Mme Mbaakanyi a re le keletso ke go bona kgolo mo letlhakoreng la mokgabo mme seo se supe ka koketsego ya go bulwa ga marekisetso a a faphegileng a diaparo.
Badiragatsi go tswa mo dikgaolong tsotlhe ba ne ba gaisanya mo dikarolong di akaretsa tsa go go sega, go kgabisa moriri le tsa go gata.
Baroki ba ne ba dirisa matsela a a farologaneng fa ba ba dirang meriri ba ne ba supa ditsela tse dintsi tse moriri o ka kgabisiwang ka tsone.
Mo go borre ba ba gata, France Chagwe o ne a tsaya maemo a ntlha, a latelelwa ke Thabo Rebagamang fa a boraro a ne a tsewa ke Bakang Magodumo.
Mo go bomme Locille Obetile o ne a tsaya maemo a ntlha, Botho Mmutle a tsaya a bobedi fa Olorato Modiakgotla a ne a tsaya a boraro Mo go tsa go sega, Otshepheng Modise o ne a tsaya maemo a ntlha, Rapelang Dikatlholo a tsaya a bobedi fa Ruth Moipone a ne a tsaya a boraro. Mo go tsa mokgabo Malebogo Maabanyane o ne a tsaya maemo a ntlha, Onkemetse Moagi a bobedi a boraro a tsewa ke Ontiretse Malane.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Dikgaisanyo
Date : 17 Jul 2024