Breaking News

Dikereke di botlhokwa

17 Jul 2024

Maloko a Anglican Diocese Of Botswana ba rotloeditswe go tshwaragana le puso go bopa lefatshe ka e le nngwe ya tse di nnileng le seabe mo ditlhabolong tsa lefatsheng leno

Jaaka nngwe ya dikereke tse ditona, kereke e, e agile dikole le dipatela jaaka sepatela se tshwana le se segolwane sa Mmadinare se se neng se itsiwe ka leina la St Peters Primary Hospital le St Peters Primary School

Mothusa tona wa Temo Thuo, Rre Molebatsi Molebatsi o buile se kwa pulo semmuso ya bokopano jwa ngwaga le ngwaga jwa Anglican Diocese of Botswana Guilds kwa motseng oo ka matlhatso.

Rre Molebatsi a re se ke ditso tse di tshwanetseng go kwalwa gore dikokomane tse di tlang di tswelele ka go lemoga bomosola jwa kereke mo matshelong a bone, a bo a tlhalosa fa seabe sa kereke se ne sa itshupa ka nako ya fa COVID 19 e gomagometsa go nyeletsa setshaba mme boeteledipele bo ne jwa itshwaraganya le makgotla a dikereke go thusana ka megopolo le dithapelo, se e le tshepho e boeteledipele bo nang le yone mo bokgoning jwa kereke.

O tlhalositse fa moeteledipele wa Anglican, Reverend Metlhayotlhe Beleme e ne ya nna mongwe wa ba ba neng ba tlhophiwa ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, go nna ba gakolodi ba gagwe.

Rre Molebatsi o kopile gore e re ba le mo ditirong tsa bone tsa kereke, ba rapedise botlhokatsebe jwa bana le kgokgontsho e e  tsweletseng go golela pele mo malwapeng. O tlhalolositse fa bana ka bontsi ba sena batsadi ka le baka la dipolaano mme a supa fa boeteledipele jwa motse bo tshwaragane go kgalema diemo tse mme go tlhoka gore le bone ba nne le seabe.

Reverend Beleme o tlhalositse fa maikaelelo magolo a bokopano e le go itshekatsheka le go ikgakolola e le kereke, maikano a bone ka e le o ne a ka dirang gore ba tswelele ba goga mmogo go godisa kereke.

A kgothatsa maloko a kereke go tia mo lefokong la Modimo ka go itepatepanya le go bopa bana le setshaba, a supa fa ba santse ba na le tiro e tona ya go ngokela maloko a masha mo kerekeng.

Reverend Beleme a re Mokeresete o tshwanetse go kaiwa le go bonwa ka ditiro tsa gagwe tse di ntle mme a ba kgothatsa go itshwara sentle, go dibela seriti sa kereke. 

O tlhalositse gore fela jaaka Keresete a ne a nyatsega mo bajuteng mme kwa phelelong ya nna ene yo o neng a dira ditiro tse di neng tsa gakgamatsa ba le bantsi, le bone ba tshwanetse go nna jalo mo setshabebg se ba tshelang le sone.

Kgosi Matshwenyego Mosweu wa kgotlana ya New Stance kwa Mmadinare o lebogile boeteledipele jwa kereke go bo ba kgethile motse wa bone go tshwarela bokopano joo, bogolo jang kwa sekoleng sa Mmadinare Senior Secondary School a re se, ke tshegofatso

A re sekole se, ga se dire sentle mo dithutong e bile se lebanwe ke dikgwetlho di tshwana go ima ga bana le tiriso ya diritibatsi. Bokopano jo, bo ne bo tshwerwe ka setlhogo se sereng: Letlapa la Motheo o Tlhomameng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : MMADINARE

Event : Pulo semmuso

Date : 17 Jul 2024