Breaking News

Ditagi le kgokgontsho di a tshwenya

17 Jul 2024

Kgaolo ya sepodisi ya No 4 e leng Woodhall kwa Lobatse e tshwarisitswe bothata ke dikgang tsa tlhakanelo dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase le thubetso, tse di tsweletseng ka go golela pele le monongwaga.

Ka jalo mapodisi ao a ne a tshwara thutopuisanyo ka Labone kwa Otse go lekodisana ka seemo sa ditagi, borukutlhi le go arogana maele go thusa ba ba amilweng ke dikgang tsa kgokgontsho. Superintendent Motlhaba Steve Ramaabya a re gareng ga tsotlhe tse di ka bakang diemo tse, tiriso botlhaswa ya ditagi ke yone konokono.

Supt. Ramaabya o supile fa go bipa dikgang tsa borukutlhi, kgokgontsho le tiriso ya diritibatsi go ba paledisa go dira tiro ya bone ka ba bereka fela dikgang tse ba di lebisitsweng. Detective Constable Boipelo Irene Makgatlhe ene o gateletse gore mo kgaolong ya No.4 ba tshwenngwa thata ke motokwane o latelelwa ke katse.

O supile fa ditagi tse di tshwarwa bogolo jang mo bananeng, a rotloetsa batsadi le morafe go tshwaragana le go tsepama mo kgodisong ya bana. Inspector Pena Makgati o supile fa borukutlhi, tiriso botlhaswa ya bana le ditagi di gakadiwa ke go ikgatholosa tlhokomelo ya bana ke batsadi.

O supa gape fa go itlhokomolosa kgodiso ya bana e le molato o motsadi a ka o atlholelwang ka fa molaong. Constable Onkutlule Boifang a re mo malatsing a gompieno kgokgontsho, thubetso, tiriso botlhaswa ya bana, tiriso ya ditagi di rotloediwa gape ke tiriso ya maranyane.

Constable Boifang a re go fema bana mo diphatseng, motsadi o tlhoka go nna le botsalano le ngwana, a ela tlhoko ka nako tsotlhe se ngwana a ikamanyang le sone mo maranyaneng. 

Mooki kwa kokelong ya S’brana, Mme Kagiso Ketshubile o ne a rotloetsa banana le morafe go iphapha mo tirisong botlhaswa ya ditagi, a supa fa ditlamorago tsa teng e le tse di botlhoko mo botshelong jwa motho.

A re ditlamorago tse di tlwaelesegileng ke go latlhegelwa ke tlhaloganyo ga sennela ruri ka go sena ka fa seemo seo se ka alafiwang ka teng. Mo go la gagwe, Kgosi Mothusi Tsetse o akgoletse ba lephata la sepodisi go tshwara thutopuisanyo go arogana maele go ka lwantsha dikgang tsa borukutlhi, tiriso ya diritibatsi, le kgokgontsho ya bong.

A re mo dingwageng tse pedi tse di sa tswang go feta, ba itemogetse kwelotlase mo borukutlhing jwa leruo. 

“Se ke ka ntlha ya tomagano le tirisanyo mmogo ya morafe, mapodisi le ba ba okametseng melelwane.”

O ne a rotloetsa morafe go nna le tirisano mmogo le mapodisi ka ke gone fela ba ka kgonang go fema diemo tse di sulafatsang kgaolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Itumeleng Naane

Location : OTSE

Event : thutopuisanyo

Date : 17 Jul 2024