Ba rotloediwa go phepafatsa tikologo le bonno
16 Jul 2024
Mogolwane go tswa kwa ofising ya ga molaodi wa Letlhakeng, Mme Bianca Moswela, o kopile banni ba Letlhakeng go fetola dikakanyo jaaka Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a kopile, ka go phepafatsa motse, malwapa le tikologo.
Mme Moswela o tlhalositse gore fa banni ba ka phepafatsa tikologo ya bone, le baagisanyi ba dira jalo, dikgotla tsa bone di tlaa phepafala mme kwa bofelong motse otlhe o nne phepa.
Mogolwane o supile fa motho yo o nnang mo lesweng go le thata gore o ka akanya sentle, a bo a supa gape gore fa o agile fa go leng leswe teng dikago tsa teng ga di bonale.
Mme Moswela o tlhalositse gore go nna phepa ga go tlhoke madi go tlhoka tlhaloganyo fela. O supile gape gore sepe fela se se leswe se amanngwa le dilo tse di maswe.
O ne a kopa banni ba motse go rotloetsega go phepafatsa motse, a bo a ba kopa gore ba akanye gore ba ka tlhabolola malapa jang ba sa dirise madi a mantsi.
Mogolwane o ne gape a ba tlhalosetsa fa ba kgona go kgobokanya matlapa a a mo malapeng ba kgabisa ka one, a supa fa go kgabisa malapa jalo go sa lope madi ape. O kaile gape gore fa segotlo se le phepa kgantele mong wa sone o natefelelwa ke go lema dithunya, mme a felele a le mo lapeng le lentle.
Mothusa kgosi Rantsimane Banyatsi, o ne a ngongoregela gore batho ba Letlhakeng ba sa phepafatse malapa ka kwa ntle, ba supa fa tiro eo e le ya khansele.
Kgosi Banyatsi o ne a fa sekai sa gore le fa o le morui wa dikgomo o tshwanetse go ruta bana ba gago leruo le ntswa go na le badisa.
O tlhalositse fa go dira jalo go ruta bana gore le fa badisa ba se yo ba bo ba itse leruo la gagabo. Kgosi o ne a supa fa sengwe le sengwe se itirelwa. Are ba godile ba fitlhela batsadi ba bone ba itirela mme ba sa duelwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Phepafatso
Date : 16 Jul 2024