Breaking News

Tshwaragano therisano konokono

16 Jul 2024

Tshwaragano le therisanyo konokono magareng ga ba- na le seabe botlhe mo tsamaisong ya ditlhabololo tsa motse.

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o gateletse se  kwa pulong semmuso ya leobo la kgotla ya Jackalas No 1 kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba kgwedi ka Labotlhano. Tona a tlhalosa fa tomagano ya magosi, mopalamente, mokhanselara le komiti ya ditlhabololo tsa metse e le yone konokono mo go tlhabologeng ga motse.

Leobo leo, le le agilweng ka madi a Constituency Community Programme (CCP), a a kanang ka P 730 000 le agilwe ke ngwana wa Jackalas No 1 Rre Pilate Mphinyane.

Tona Autlwetse o ne a kgala mokgwa wa go gogagoganelana madi a CCP le go tlhoka go dumalana ka ditiro (projects), a re ke sengwe se se diyang go diragadiwa ga ditlhabololo mo metseng.

Le fa go ntse jalo, tona o ne a galaletsa tshwaragano ya mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi le ba-na le seabe ba kgaolo ya gagwe go netefatsa gore madi a CCP a dirisiwa ka fa tshwanelong ntle le dikgogakgogano dipe.

A re sengwe se se mo nontshitseng pelo ke go bo kgaolo ya Bokone Botlhaba e santse e ngaparetse moono o o rotloediwang bobe ke puso, wa go leka go nonotsha beng gae ka go ba abela tiro fa go dirwa sengwe mo motseng.

Rre Autlwetse o kopile gore fa go ka nna le phoso e moagi a ka e dirang mo tirong ya gagwe, a seka a felelwa pelo mme a tataisiwe le go gakololwa fa go tlhokafalang teng.

Mo go tse dingwe, tona o ne a tlhalosa fa puso tsweletse ka thulaganyo ya go reka dipolasi dingwe tsa beng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba go leka go rarabolola seemo sa tlhaelo ya lefatshe mo kgaolong eo.

Fa a tshwaela mo kopong ya ga Kgosi Tapson Jackalas, ya go kopa gore go dirwe dipaakanyo tse di tseneletseng mo diofising tsa bone tsa kgotla ga mmogo le kgokelo ya maranyane a SmartBots, Rre Autlwetse o ne a tshepisa fa puso e tlaa di tsibogela.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Themashanga, Rre Kudzani Tobokwani o ne a iteela legofi madi a CCP go menagane, a supa fa a thibile diphatlha tse di seng kana ka sepe mo kgaolong.

O ne a gwetlha banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba go ithuta dikitso ka go farologana tse di ka ba kgontshang go sola molemo mananeo a puso.

Rre Tobokwane o ne a itela mo go tona ka seemo se se sa itumediseng sa terata ya molelwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe, a supa fa e le diphatlha fela. Fa a leboga mopalamente Moabi o ne a gakolola banni go ema ka dinao fa go na le tiro nngwe e e dirwang mo motseng, go tlhomamisa gore e dirwa ka fa tshwanelong.

Le ene fela jalo o ne a itela mo pusong go leka go sekaseka phimolo dikeledi ya dikgomo tse di bolawang di sena go tlolela kwa lefatsheng la Zimbabwe, a kaya fa P700 a sa lekana. 

A re boemong jwa madi, kgomo e e bolawang e ka bo e emisetswa ka kgomo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Jackalas No 1

Event : Pulo semmuso

Date : 16 Jul 2024