Breaking News

Leina le lentle le a itirelwa

16 Jul 2024

Banni ba Sechele ba gwetlhilwe go lemoga botlhokwa jwa go tlhokomela le go dibela boleng jwa tlhabologo epe e e gorogang mo motseng wa bone.

Mookamedi wa Univesity ya Botswana (Chancellor), Mme Tebelelo Seretse o buile jalo a bula semmuso leobo la kgotla ya Sechele kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba kgwedi eno ka Labone.

O ne a rotloetsa banni bao go itirela bomolemo ka go tlhokomela leobo leo le lefelo la kgotla ya bone gore motse wa bone o nne le tebego e e kgatlhisang. 

A re go itirela bontle mo motseng, ba bo ba sa bo itirele ba le nosi mme ba bo direla kgaolo le lefatshe leno ka kakaretso.

Leobo leo, ke lengwe la a a masome a mabedi le botlhano, a a agilweng ka madi a Constituency Community Programme (CCP) kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima.

 Mme Seretse o supile fa go itumedisa go bona madi a kgaolo eo, a sa tsena ka motlhobodika mme a dirile motlhala o o seng kana ka sepe mo kgaolong.

Ka jalo o ne a leboga mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi, a re maduo ao a supa fa a na le tshwaragano, therisanyo le tirisanyo mmogo e e nonofileng le banni ba kgaolo eo.

Mme Seretse a kopa banni segolo jang bana ba Sechele go tshwaragana, ka maikaelelo a go tsholetsa motse wa bone, a tlatsa ka go ba gakolola go nna le lenyora la go ithuta dilo ka go farologana, tse di ka tlhabololang matshelo a bone.

Ka bomme e le bone ba lejwang e le bo tshoso e rweleng mo go ageng setshaba e bile e le bone thari ya setshaba, Mma Seretse a ba gwetlha go ikemela ka dinao gore ba fitlhelele ditoro tsa bone.

A re bomme ba tshwanetse gape ba di goga kwa pele mo go ageng le go nna bakaedi mo baneng ba basetsana gore lefatshe leno le tsoge le nna le metse e e nonofileng.

A supa fa go le botlhokwa gore dikgosi di tlotliwe le gore merafe ka go farologana e tsholetse le go ipelafatsa ka diteme tsa yone.

Mothusa mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Gobe Mudongo o boletse fa leobo leo, le le simotsweng go agiwa ka kgwedi ya Ngwanatsele ka 2022 le weditswe ka kgwedi ya Mopitlo ngogola, le agilwe ka P383, 458.80.

Rre Mudongo o kaile fa kgaolo e tsweletse ka thulaganyo ya go thapa beng gae fa go na le tiro nngwe e e dirwang mo motseng, ka jalo a supa fa leobo leo le agilwe ka ngwana wa Sechele ebong Rre Mothusi Thapelo.

O ne a tlhalosa fa mo godimo ga maobo a a agilweng mo kgaolong eo, go diragaditswe ditlhabololo di le mmalwa ka madi a CCP.

Go sale foo, Rre Mudongo o gakolotse banni ba Sechele go sola molemo mananeo a mangwe a dithuso a ba a beilweng pele ke puso, go na le go sekamela fela mo lenaneong la Ipelegeng.

Mopalamente Moabi o ne a bolela fa a itumelela tshwaragano magareng ga gagwe le banni ba kgaolo ya Tati Botlhaba, a supa e le yone e ba kgontshang go fitlhelela dikeletso tsa mo kgaolong.

Rre Moabi o ne a itsise banni ba Sechele fa leina le lentle le itirelwa, ka moo ba tshwanelwa ke go emela motse wa bone ka dinao, a supa fa motse o tlhabololwa ke beng ba one.

E re ka banni ba Sechele ba nna ba lela ka seemo sa tsela e e ralalang motse wa bone ya Gulubane/Masunga, mopalamente o ba kopile go nna pelotelele, ka jaana puso e sa itlhokomolosa tsela eo, ka jalo e tlaa tsibogelwa fa seemo sa itsholelo se letla. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Sechele

Event : Pulo semmuso ya leobo

Date : 16 Jul 2024