Breaking News

Dikotsi tsa tsela di ama itsholelo

16 Jul 2024

Bakgweetsi le setshaba ka kakaretso ba gakolotswe go ikgapha mo dikotsing tsa tsela mo malatsing a boitapoloso ka dikotsi di ama itshololelo ya lefatshe gammogo le malwapa. 

Dikotsi tsa tsela tse di aparetseng lefatshe leno ka bophara di tlogela batswa setlhabelo ka dikgobalo tsa sennela ruri, ba sa kgone go itirela sepe fa bangwe ba latlhegelwa ke batlhokomedi ba malwapa.

Mothusa mookamela mapodisi a pharakano mo Tsabong, Assistant Superintendent Johnson Gaolaolwe, o ntshitse kgakololo e ka Labone mo letsasing la merapelo kgatlhanong le dikotsi tsa tsela e e neng e rulagantswe ke ba komiti ya ipabalelo tseleng ya Kgalagadi Borwa, lekgotla la baruti gammogo le mapodisi a pharakano. 

Ka jalo o ne a gwetlha mongwe le mongwe go ema ka dinao go tsaya boikarabelo go emisa dikotsi gotlhelele.

 O ne a tlhalosa fa malwapa ka bontsi a setse ka dikhutsana ka lebaka la dikotsi, selo se se tlamang puso go ba tlhokomela. 

Fa a tsibosa batsena merapelo, Asst Supt Gaolalwe o supile fa ba gatisitse dikotsi tsa tsela di le masome a marataro le borataro ngogola le di le masome mane le bone go simolola ka kgwedi ya Herikgong go fitlha mo nakong ya gompieno mo ngwageng ono. 

O boletse fa mo go tsone dipalo tseo, go nnile le dikgobalo tse di masisi fa dingwe mo go tsone di bakile dintsho, le dikgobalo tse di potlana le tshenyego ya dithoto. 

Rre Gaolaolwe o ne a supa fa dikotsi di fokotsegile mme go sa ntse go le gontsi mo go ka dirwang go di emisa gotlhelele ke ba-na-le seabe botlhe ba tshwaraganye. 

O ne a tswelela a gakolola bakgweetsi go tseela kwa godimo lenaneo la ga tautona la Mindset Change ka go fetola ditlhaloganyo tsa bone, maikutlo le boitshwaro ka seo se ka thusa mo go fokotseng dikotsi mo lefatsheng leno. 

A  gakolola bakgweetsi go emisa go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo, go ikgapha mo go kgweetseng ba nole bojalwa, go ikhutsa fa ba lapile, go tlhomamisa gore ba robala mo go lekanang.

A ba gakolola go emelela go sa ntse go bonala, go emisa go bua le mesokela tsebeng fa ba kgweetsa le gone go dirisa mabante a itshireletso ka nako tsotlhe. 

Moruti wa kereke ya Sabata (SDA), Peter Solomon o ne a gakolola batsena merapelo eo go ipaakanyetsa mesepele ka go tlhomamisa gore dikoloi tsa bone di itekanetse sentle mo go haphegileng. 

O ne a tsibosa batsena merapelo eo go emisa go fitisa palo ya bapalami le merwalo ka malatsi a boitapoloso, a tlatsa ka go supa fa pabalesego ya motho e le botlhokwa ka a tshela gangwe fela. 

Inspector Itireleng Zulu go tswa mo mapodising a pharakano kwa Werda o ne a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo e le go rapelela dikotsi tse di diragalang mo lefatsheng leno gantsi ka malatsi a boitapoloso. 

A re dikotsi di gapa matshelo a batho ba le bantsi bangwe e le barutegi ba ba rutetsweng ditiro tse di haphegileng mme seo se ame itsholelo.

 Inspector Zulu o ne a supa fa dikotsi tsa tsela di sa ba jese diwelang e le mapodisi, puso le setshaba ka kakaretso ka jalo bakgweetsi ba tshwanetse go itshekatsheka ka fa ba kgweetsang ka teng le gone go gakololana gore kwa phelelong ba kgone go fenya dikotsi. 

Merapelo e ne e tshwaretswe kwa mapalamelong a dikoloi tsa setshaba mo Tsabong mme e ne e tseneletswe ke bakgweetsi ba dikoloi tse di pegang setshaba, mapodisi a pharakano, komiti ya ipabalelo tseleng, maphata a puso aa farologanyeng le setshaba ka kakaretso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Merapelo

Date : 16 Jul 2024