Breaking News

Leeto la Mozambique le godisa botsalano

11 Jul 2024

Leeto la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi la semmuso kwa Maputo le nnile le phitlhelelo e kgolo mo go godiseng botsalano jwa mafatshe a mabedi.

Fa a bua mo leetong la gagwe la malatsi mararo ka taletso ya Tautona wa Mozambique, Rre Filipe Nyusi, Dr Masisi o boletse fa Botswana a dumela thata mo botsalanong le tirisano mmogo le Mozambique. 

Ka jalo a re go bo lefatshe la Botswana le tsweletse pele ka go ema le la Mozambique mo dinakong tse di thata, ke ka gore mafatshe oo mabedi a tswa kgakala a wa a tsoga mmogo go simolola ka nako e Mozambique a neng a lwela kgololesego fa balwela kgololesego ba ne ba tshabetse mo Botswana.

Botsalano jo bo simologile ka ngwaga wa 1975, mme mafatshe oo mabedi a tsweletse ka go godisa ditirisano mo mehameng e e farologaneng go rudisa itsholelo ya mafatshe oo mabedi.

 Mo leetong le, Tautona Masisi le matona a puso ba dirile ditumalano tse di beilweng menwana le lefatshe la Mozambique di le boferabobedi mo mehameng e tshwana le tsa temo-thuo, ditswammung, theko le thekiso le go dirisana mo go lwantsheng borukutlhi, mo go tsa maranyane le go netefatsa gore go nna le molao le thokgamo.

Ditumalano tse di dirilwe morago ga go sekaseka tswelelopele e e dirilweng ke mafatshe a mabedi mo go diragatseng dingwe tsa ditumalano tse go kileng ga itlamiwa ka tsone, le go bona gore go tlhaela fa kae. Pele ga Tautona a etela mo Mozambique go nnile le diphuthego tsa matlhagola tsela tsa badirelapuso ba bagolwane mme ga latela ya matona.

Go boletswe gore ditumalano tse, di tlaa dira gore go netefadiwe gore badiredi ba mafatshe a mabedi a, gangwe le gape ba kopana go leba gore go ka tokafadiwa eng. 

Tautona Masisi o ne a rolela hutshe Tautona wa Mozambique Rre Nyusi yo o tlogelang tiro a sena go wetsa sebaka se se beilweng sa bo tautona sa go busa. 

A re ga se ba le bantsi ba ba itholang marapo go le motlhofo, mme a mo eleletsa katlego mo go itholeng tiro ga gagwe jaaka lefatshe la Mozambique le ipaakanyetsa go ya ditlhopong ka kgwedi ya Phalane.

Mo leetong le, Tautona gape o tla nna le sebaka sa go tsenelela phuthego e e faphegileng le bo Tautona ba mahatshe a Botswana, Mozambique le Zimbabwe, Rre Emmerson Mnangagwa gompieno  go buisana ka tirisano ya tsa mesepele go tsaa dithoto go tswa Mozambique. 

E ke nngwe ya dikgang tse di tswang kgakala di buisanngwa mme go sena tswelelopele e e dirilweng, ka jalo bo tautona ba tlaa kopanela tiro e, go itlama gore go ya pele go ka dirwa jang gore go nne le tswelelopele.

Lefatshe la Botswana le nnile le seabe mo go romeleng masole kwa Mozambique go leka go lere kagiso mo letsheng la Mozambique morago ga go tlhaselwa ke ditsoolodi kwa kgaolong ya Cabo Delgado. 

Tiro e ka jaana e nnile ka nao e Tautona Masisi a neng a eteletsepele lekalana la dipolotiki, kagiso le thokgamo la mafatshe a SADC, bokopano jo bo file botautona ka bobedi go tshotlha dikgang tse di amang masole a nnileng le seabe mo tirong e, le gore botsogo kwa Mozambique morago ga tiro e, bo ntse jang.

Tautona Masisi o solofeditse Rre Nyusi fa lefatshe la Botswana le tla a tswelela le thusana le la Mozambique mo maitlamong a go lere kagiso mo lefatsheng la Mozambique. 

Tautona Nyusi ene, o lekodisitse Tautona Masisi gore le fa go ise go lekane, batho ba ba neng ba ile le naga ba simolotse go boela kwa metseng ya bone, le gore lefatshe la Mozambique le tsweletse ka go leka go simolodisa ditiro dingwe gone koo go tsosolosa itsholelo. 

O boletse fa go ka seke go twe ditlhaselo di eme, botshelo bo a solofetsa, a re go a bonala gore phenyo e mo tseleng.

Tautona Masisi o lebogile masole otlhe a lekgotla la SADC ba ba nnileng le seabe mo tirong e, a bolela fa tiro e ba e dirileng e ka seke e nne le tuelo epe e e lekaneng, ka jaana go leka go lere thitibalo go sena tlhwatlhwa, e bile go sena madi a lekaneng a a ka dirisiwang go lere kagiso.

O tsweletse ka go bolela fa a itse gore bangwe ba masole ba latlhegetswe ke matshelo, mme matshelo ao, a ka seke a duelelwe mo go ka kgotsofatsang ope. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : Maputo

Event : Leeto

Date : 11 Jul 2024