Borre ba rotloediwa go tsaya boikarabelo ka tlhwaafalo
11 Jul 2024
Borre le basimane ba rotloediwa go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng gore ba nne baeteledipele ba tlhwatlhwa.
Fa a bua kwa pitsong ya borre le basimane mo Mahalapye e e neng e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng, Borre a re Chencheng, Mopalamente wa Mahalapye Bophirima Rre David Tshere o gwetlhile borre go ithuta go laola maikutlo a bone.
O supile fa nako e ntsi borre ba tsenngwa mo mathateng ke go palelwa ke go itshwara kana go laola maikutlo a bone.
O ne a kgothatsa borre gore ba nne baeteledipele ba malwapa ba ba eletsegang mme eseng babolai le bakgokgontshi.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye yo gape eleng Mothusa modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi o boletse gore borre jaaka e le bone baeteledipele ba setshaba gape e le bone ditlhogo tsa malwapa ba tshwanetse ba nna sekao mo setshabeng.
A re seo se ka kgonega fela fa borre ba ka fetola ka fa ba dirang dilo ka teng, ba boela kwa marakanelong, ba laa bana le basimane ka tsela e e agang.
Kgosi Tshipe o supile fa bontsi jwa dikgang tsa borukutlhi, kgokgontsho, go iphitisa dinno le go dirisa ditagi di eteletswe pele ke borre, a re se ke seemo se se ka rarabololwang fela ke borre.
O kgadile borre ba ba itlhokomolosang tlhokomelo ya bana a re seo ke sengwe sa dilo tse di bakang botlhoka tsebe jwa bana.
Fa a abelana maikaelelo a pitso eo le borre, Molaodi wa kgaolo ya Mahalapye Rre Ernest Phiri o boletse gore lefatshe la Botswana le aparetswe ke matlhoko, a re ka borre e le bone ba rweleng boikarabelo jwa lelwapa ba bone go tshwanela gore ba bitse pitso e, go tla go gakololana ka dikgang tsa boikarabelo go tila kgokgontsho ya bong le botlhoka tsebe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : Mahalapye
Event : Pitso ya borre
Date : 11 Jul 2024