Breaking News

Puso e bepisa seemo sa leuba

11 Jul 2024

Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso a re goromente o tlaa tlamela bagodi ba ba amilweng ke leuba, bomme ba ba itsholofetseng le ba ba amusang le bana.

Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Mosolotshane bosheng, Rre Aubrey Lesaso o tlhalositse fa bagodi bangwe  ba ba ntseng ba itsh§etsa ka temo-thuo ba amilwe ke leuba thata, ba sa bona sepe mono ngwaga  mme puso e tlaa ba thusa ka dijo tse ba ka itshetsang ka tsone ngwaga otlhe.

Rre Lesaso o ne a tswelela a re go supa fa letlhoko la dijo le tlaa nna kwa godimo thata.

O boletse gape fa bana ba ba dikgwedi tse thataro go ya go di le masome matlhano le borataro ba tlaa okelediwa dijo tse ba ntseng ba di fiwa ko dikokelong.

A re go lebega bana ba tlhaela dikotla go ya ka ba botsogo. A re bana ba dikole bone ba tlaa okelediwa dijo.

Mo go tse dingwe, Mopalamente wa Shoshong a re kago ya kokelo ya Mosolotshane e e tsweletseng e tlaa fela.

Rre Lesaso o boletse fa khampani e ntse e tsweletse mme go lebega e na le kgwetlho ya go bona didirisiwa tse di tlhokegang mo kagong eo

Fa a tswa la gagwe, Mme Gracious Motsumi, mogolwane wa Water Utilities Corporation o supile fa seemo sa metsi mo Mosolotshane se tlaa tokafala.

A re Water Utilities Corporation e simolotse go aga madirelo a a tlhatswang metsi kwa Sedibeng sa Mhape ka kgwedi ya Motsheganong.

Rre Lesaso o boletse fa tiro e, go solofetswe fa e tlaa wela morago ga dikgwedi tse thataro mme metsi a a tlhatswitsweng a tlaa goroga mo Mosolotshane mo lebakeng le le sa fediseng pelo.

Mopalamente Lesaso o rotloeditse banni ba kgaolo ya gagwe go nna pelotelele mo lenaneong la Chema-Chema ka jaana ele la bone.

A re o lebogela go utlwa fa banni ba motse o ba tsibogetse lenaneo leo.

Banni ba motse wa Mosolotshane ba ngongoregetse tiego ya ditlankana tsa tsa ditsha ka ba re ba lephata la Kabo-ditsha ba bonya go ba neela ditlankana tsa bone.

Ba boletse fa ba tlolwa ke sebaka sa go ka dirisa ditlankana tsa bone mo ditirong di le dintsi jaaka kopo ya go gokelelwa metsi le motlakase. 

Rre Dikeletso Gabaeme go tswa kwa lephateng la kabo ditsha o rurifaditse fa ba setse ba kile ba ntsha mokwalo wa go tsaa ditlankana mme go lebega o sa goroga.

A re ba setse ba kile ba tsisa ditlankana di le 130 tsa banni ba motse oo mme go tserwe di le 28 fela. 

A re bontsi jwa ditlankana tse di santseng di le kwa go bone ke tsa banni ba bo Omang ba bone ba fetilweng ke nako ka jalo ba tlhoka Omang o o shafaditsweng. 

O rotloeditse banni ba Mosolotshane go iketleeletsa kwa diofising tsa bone go ya go kwadisa ditsha gore ba bone ditlankana.

Mme Olebogeng Tseane go tswa Citizen Entrepreneurial Development Agency o kopile banni le Batswana ka kakaretso go ba inela diatla metsing ka ba le mabogo-dika, a tshepisa fa ba leka ka bojotlhe go tsibogela dikopo tsa bone.

A re baikopedi ba itekanye morwalo go tlhofofatsa dikopo tsa bone, a tlatsa ka gore  seo se ka dira gore go nne bofefo go busa madi ao a kadimo go thusa ba bangwe.

O boletse fa seo se ka thusa gape gore mogwebi a kgone go kopa thuso labobedi fa a busitse a kadimo ya ntlha. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Victoria Kesimolotse

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Jul 2024