Breaking News

Balemi ba akola thobo

11 Jul 2024

Balemi ba Masimo a Motlhabeng kwa kgaolong ya Sefhare, Mme Neo Kaelo le Rre Akanyang Florick ba bone thobo ya marotse e e itumedisang.

Mme Kaelo o boleletse BOPA ka Labobedi gore le mo dipuleng tse di boutsana tsa dingwaga tsa gompieno, ga ba itsape ba lema ngwaga le ngwaga.

A re o rata temo mo a sa nkeng a tlhoboga lewapi, a supa fa a ba ne ba lemile mmidi dinawa, magapu le marotse.

Mme Kaelo a re go ne go le thata dipula di gana, letsatsi le tserema mme ba sa itsape ba tlhagola ba bo ba fetsa.

Ka Modimo o sa latlhe, a re go ne ga na pulanyana mo kgweding ya Mopitlo, botalanyana jwa hukunya, marotse le magapu a ba atla, ba rekisa.

Mme Kaelo a re ba rekisetsa batho, le ba ba gwebang ka go rekisa dijo. 

A re madi a ba a bonang fa ba rekisa thobo, ba tlhabolola tshimo, a supa fa ba setse ba kgonne go phunya sediba mme jaanong ba kokotletsa gore ba tle ba dire temo ya nosetso.

O kaile fa maikaelelo e le go leka mananeo a puso a a thusang balemi. 

Mme Kaelo a re kgwetlho e tona e ba itemogelang ke bogodu jwa dijwalo. Le fa phefo e tlhabile, ga ya ba ama go le kalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : SEFHARE

Event : Potsolotso

Date : 11 Jul 2024