Mapodisi a Good Hope a tlhotlhomisa dipetelelo
10 Jul 2024
Motshwarelela moeteledipele wa mapodisi a Good Hope, Assistant Superintendent Bigani Mpindi a re ba tlhotlhomisa melato ya dipetelelo tse go begilweng di diragetse kwa Mmathethe bosheng.
Fa a buisana le BOPA, Ass.Supt Mpindi o boletse fa go begilwe fa basadi ba le babedi ba thubeditswe, a tlhalosa fa mo molatong wa ntlha mo-tswa setlhabelo a thubeditswe a tswa maitisong kwa marekisetsong a dino.
A re mme yoo, o boletse fa selalome se mo tshwere mo tseleng, sa mo tlhaba ka sengwe se se bogale mme ya re morago sa itseela dikobo ka dikgoka.
Mo molatong wa bobedi a re mo-tswa setlhabelo o supile fa a thubeditswe a tswa kerekeng bosigo mme ya re morago ga tiragalo eo mmelaelwa a boela kwa kerekeng kwa mapodisi a fetileng a mo tshwara teng.
Assistant Superintendent Mpidi o boletse fa ba tshegeditse rre wa dingwaga tse di fa gare go ba thusa ka ditlhotlhomiso fa mo molatong o mongwe ba santse ba batla mmelaelwa.
Mo go tse dingwe Assistant Superintendent Mpindi o boletse fa kgaolo e santse e na le bothata jwa bogodu la leruo.
A re le fa ba leka ka thata, barui ba dira tiro ya bone bokete ka gore ba tsweletse ka go thapa batho ba ba sa ba itseng, le mororo ba kopiwa gore ba nne ba tlhola gore a bahiriwa ba bone ga ba na melato epe fela mo go ba sepodise.
O tlhalositse gore go dira jalo go felela go dira gore barui ba fitlhele ba thapile magodu.
“Re itemogetse gore ka dinako tse dingwe fa gona le tshenyo modisa abo a tlogela tiro, mohiri o palelwa ke go ya go bontsha mapodisi kwa mmereki wa gagwe a tswang teng kwa gae,” Ass. Supt Mpidi a tlhalosa
O supile fa go lebega magodu a dirisa dikoloi tse di hirisiwang kwa Gaborone mme ba rekisa nama mo go bo mma-seapei le madirelo a nama.
O gakolotse setshaba go netefatsa gore ba tlogela mongwe mo lapeng le go ne go tlhama dikomiti tsa ntebela ke go lebele ka jaana malatsi a boitapoloso a gorogile.
Ass. Supt Mpindi o buile gape a gakolola ba marekisetso a bojalwa go obamele dinako tsago bula lego tswala, a supa fa bangwe ba tsweletse ka go di itlhokomolosa.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : GOOD HOPE
Event : Puisano
Date : 10 Jul 2024