Breaking News

Molaodi o rotloetsa tirisano mmogo

09 Jul 2024

Tshwaragano ya bodiredi jwa puso le morafe e botlhokwa mo go tokafatseng matshelo a batho.

Se se builwe ke molaodi wa kgaolo ya Okavango, Rre William Keareng mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulaganyeditswe go lekola banni ba Gumare ka Laboraro.

Rre Keareng o boleletse fa bodiredi bo romilwe go direla le go tshwaraganya morafe le puso ka jalo go le botlhokwa go tsosolosa dikomiti tse mo go tsone maphata a badirelapuso a tlaa kgaoganngwang ka metse mo kgaolong go itse matshwenyego a morafe le go tla ka ditlharabololo.

A re badirelapuso ba tshwanetse go isa mananeo a puso a tshwana le la Chema Chema le a temo-thuo kwa setshabeng.

O boletse fa badirelapuso botlhe ba tshwanetse ba fetola megopolo ka fa ba thusang setshaba ka teng.

Le fa go ntse jalo, Rre Keareng o boletse fa setshaba le sone se tshwanetse go fetola boitshwaro se tswelele ka go kopa ditirelo le go supa dingongorego ka tlotlo.

A re kgaolo ya Okavango ke nngwe e e nang le meamuso e e tshwanetseng go akolwa ke beng gae.

Mo go tse dingwe, Rre Keareng o ne a rotloetsa banni ba Gumare le kgaolo yotlhe ya Okavango go phepafatsa tikologo ya bone, le go latlha matlakala ka fa go tshwanetseng.

Fa a akgela, Mme Saywa Mmusi o ne a lebogela molaodi gore abo a tsere sebaka sa go lekodisana le morafe.

Mme Mmusi o boletse fa se tshwanetse sa rotloetsa badirelapuso go fetola megopolo, a supa fa bangwe ba bone ba le boitseme mo tirong.

O boletse fa ba tlhoka tsela kwa kgotleng ya Legonono ka go le motlhaba.

A re go na le ditsha dingwe tse di beilweng mme go sena ditlamelo tsa metsi le ditsela mo Gumare.

Rre Elisha Mouti o ne gape a ntsha matshwenyego ka matlakala mo kgaolong, ka jalo a rotloetsa batho go fetola ka fa ba latlhan ka teng.

Rre Mouti a re go a tshwenya gape gore ditiro dingwe tsa setshaba di bo di diega jaaka lefelo la ditirelo tsa temo thuo.

O boletse fa go le botlhokwa go tsosolosiwe dikomiti tse di tshwaraganyang badirelapuso le maphata a a ikemetseng.

A re ba tlhoka lefelo la matlhabelo a a tlhatlhobang boleng jwa nama mo Gumare. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Gumare

Event : Potsolotso

Date : 09 Jul 2024