Sekole sa kalamare se abelwa dikobo le melora
09 Jul 2024
Ditlhopha tsa banana ba ba ikgobokantseng go abela sekole se segolwane sa Kalamare dikobo le melora bosheng di a kgotswe.
Ditlhopha tse, di akaretsa Simunye Social Club ba ba ntshitseng melora, Class of 1996 to 1998 ka dikobo tse 20, Kalamare Crew ka dikobo tse 50 le dihempe di le 150, Crowel Goel Associates ka dikobo tse 100, The Lebodi Family ka dikobo tse thataro le Kalamare CJSS Staff ka dikobo di le masome mararo.
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Kalamare, Rre Bauni Phuthego o boletse fa se e le tsela ya go rotloetsa le go tswa sekole thuso ka se na le matlwana a boroko ebile se amogela le baithuti ba ba nnang mo sekoleng.
Tiro e ya kabo dimpho e, e ne e tshwerwe ka setlhogo sa: A gift of Love to a Bright Future.
Rre Phuthego a re tiro ya kabo ya dimpho tse e sale e baakanyeditswe ke banana ba, a ba lebogela bopelontle jwa bone le tirisanyo mmogo go nne ga se ba le bantsi ba ba ka dirang tiro e ntle e.
O boletse fa dimpho tse di tla fetola matshelo a baithuti bogolo jang ka paka eno ya mariga.
A re sekole se amogela bana ba ba tswang mo Kalamare le metse e e mabapi jaaka Bonwapitse, Mmutlane le Kodibeleng, mme bangwe ele ba ba tswang mo malwapeng a a sa itsholelang.
O supile fa sekole se se godile thata ebile se dira sentle mo ditlhatlhobong e sale ngwaga wa 2020, go tswa ko 30 per cent mme gompieno se le mo go 40 per cent.
Rre Tshoganetso Kgothatso, a emetse setlhopha sa barutabana o ne a re ba bone go le maleba go nna le seabe ka go ntsha bonyennyane go thusa fa ba ka kgonang teng.
A re ba simolotse ka go aba melora mme nako eno ba bone go le maleba go etleetsa setlhogo sa A gift of Love to a Bright Future, se maikaelelo e leng go rotloetsa baithuti go ithuta ka natla.
Fa a rola mpho ya melora, Rre Boetelo Lesole, moemedi wa Simunye Social Club o rotloeditse baithuti go tsaya dithuto ka tlhwaafalo ka thuto ele bokamoso jwa bone le kgaolo ya Kalamare.
O rotloeditse baithuti go bopagana le mogokgo mo go tlotlomatseng leina la sekole.
Moithuti wa sekole sa Kalamare Maranatha Ntongwane o lebogetse dimpho, a re ba ithutile go le gontsi ka lorato le ba le fiwang ke batsadi ba motse wa Kalamare.
A re o dumela gore baithuti jaaka ene ba tla tsaa dithuto tsa bone ka tlhwaafalo gore maduo a sekole a tokafale.
Mokhanselara wa Kalamare Rre Moagiemang Mpho o lebogetse baabi ba dimpho go rotloetsa sekole, a ba akgolela mowa wa bopelotlhomogi le boithaopo.
A re ba dira tiro e ntle ka puso e ka se kgone e le nosi mme e tlhoka thuso go tswa ntlha tsotlhe go tshwaraganela thuto. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : Kalamare
Event : Kabo dimpho
Date : 09 Jul 2024