Ditshupo di tlhoka tshwaragano
09 Jul 2024
Modulasetilo wa komiti ya ditshupo kwa kgaolong ya Mabutsane, Rre Johnson Ntsanyana o gwetlhile morafe wa kgaolo eo go nna seopo sengwe go godisa ditshupo tsa kgaolo ya bone.
A re popagano le tirisano mmogo ya bone ke yone e ka thusang go ngokela bagwebi le babogedi kwa tirong eo, e a reng ba ikaelela go e dira ngwaga le ngwaga.
O buile jalo bosheng kwa ditshupong tse di neng di tshwaretswe kwa Mabutsane.
A re se gape se ka godisa mhama wa temo-thuo lefatshe ka bophara.
Rre Ntsanyana o gwetlhile morafe wa kgaolo eo, bogolo jang banana, go dirisa mananeo a puso go itshetsa le gone go godisa itsholelo ya lefatshe.
“Temo-thuo ke teemane ya lefatshe mme banana ba maoto a tshupa go tsena mo go yone. Re ba rotloetsa gore ba inaakanye le mananeo a a itebagantseng le temo-thuo ka jaana a kaba tlhamela ditiro a ba ntsha mo tshotlegong kwa ditoropong, ” ga bua jalo Rre Ntsanyana.
O tsweletse a kgothatsa balemi-barui ba kgaolo ya Mabutsane gore ba tie moko le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le leuba.
A re tiro e tshwana le ya ditshupo e ba fa sebaka sa go kopana le ba ba dirang botoka mme ba amogane maele a a ka ba godisang.
“Le seka lwa inyatsa, tlisang disupiwa tse le nang le tsone mme segolo bogolo le dirise tshono e go kopana le ba ba dirang botoka mo go lona ba le tlhatlhelele, ba le godise.”
Rre Ntsanyana o ne gape a tlhalosa gore e re ntswa go rulaganyetsa ditshupo tseo go ne go se motlhofo, o lebogile botlhe ba ba tsentseng letsogo gore tiro eo e atlege. O lebogile bagolwane ba moepo wa Jwaneng, ba e neng e le bone barotloetsi bagolo, le baeteledipele ba kgaolo ya Mabutsane go bo ba ne ba eme komiti ya gagwe nokeng mo gare ga dikgwetlho tseo.
Modulasetilo wa khansele ya Mabutsane, Rre Kgopolo Setammere-Ramosesane o ne a akgola balemi barui ba kgaolo eo go bo ba dirile ka natla ka disupiwa tsa bone, le ntswa e le ditshupo tsa ntlha.
“Selo se se supa gore balemi-barui ba kgaolo e ba na le bokgoni, ka jalo ba tshwanetse ba akgolwa ba bo ba rotloediwa go oketsa ka fa ba dirileng ka teng monongwaga.”
O ne gape a rotloetsa banni ba kgaolo eo go bereka ka natla go godisa ditshupo tseo gore di ngoke batho ba dikgaolo di sele go tlisa disupiwa tsa bone, e le jaaka ba godisa itsholelo ya kgaolo ya Mabutsane.
O kopile balemi-barui go emana nokeng le go thusanya ka di dirisiwa gore ba gole ba direle lefatshe dijo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : MABUTSANE
Event : Ditshupo
Date : 09 Jul 2024