Breaking News

Makwinja o abela baithuti paka ya sekole

09 Jul 2024

Mopalamente wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Mme Nnaniki Makwinja o abetse baithuti ba dikole tsa Ditshukudu le Vermeulen kwa Kweneng paka ya sekole, ditlhako, dibeke, dibolo, dikobo le dimonamone.

Mme Makwinja, ebile e le mothusa tona wa Thuto, o ne a abela dikole tseo a tshwaragane le ba khamphane ya World Group of Companies bosheng.

O tlhalositse fa baithuti botlhe ba sekole sa Ditshukudu ba le 106 le ba le 259 ba Vermeulen ba tlaa abelwa paka eo.

O boletse fa a tswa kgakala le Rre Sadar wa World Group of Companies, yo a tlhalositseng fa a thusa dikole di le dintsi thata mo lefatsheng.

A re bosheng, khamphane eo e ne ya abela dikole di le tlhano kwa Maun, a supa fa tiro e ba e dirang e le ntle thata.

O ne a tlhalosa fa ngwana a kgona go tshaba go tsena sekole ka ntlha ya go tlhoka paka ya sekole bogolo thata kwa magaeng.

A re puso e emisitse paka ya sekole e e segilweng kwa mafatsheng a sele, ka jalo a kopa batsadi le barutabana ba dikole tseo go batla moroki yo a ka ba rokelang.

A re go tsaya karolo go ka fa batsadi seriti ka jaana ba a bo ba netefaditse gore bana ba nna le paka ya sekole.

O ne a tlhalosa fa a na le maikaelelo a gore go nne le madirelo a go sega paka ya bana ba sekole mo kgaolong ya gagwe.

Mo go tse dingwe, Mme Makwinja o ne a supa fa a itse ka letlhoko la mochine o o ntsifatsang dipampiri kwa sekoleng sa Ditshukudu.

Mogokgo wa sekole sa Vermeulen, Mme Aquillah Nkhii o ne a tlhalosa fa baithuti ba sekole seo ba sa se tsene sentle ka jaana letlhoko le le ntsi thata.

Ka jalo, o ne a lebogela Mme Makwinja le ba World Group of Companies go bo ba apesitse bana le go ba neela tse dingwe tsa botlhokwa.

Mogolwane wa thuto wa kgaolwana ya Lentsweletau, Rre Elisha Masedi, o ne a tlhalosa fa paka ya sekole e neela ngwana seriti, ka jalo fa ngwana a sena nayo a sa kgone go phuthologa, a tlhalosa fa ba bangwe ba kgona go mo tshega a bo a sulafelwa ke go tsena sekole.

Rre Masedi o tlhalositse fa baithuti ba dikole tseo ba segofetse go bo bo ba abetswe,.

Fa a leboga, Kgosi Mokgweetsi Kgama wa Kweneng, o ne a supa fa ba itumeletse tiro e ntle e  mopalamente wa bone a ba e diretseng.

Kgosi Kgama o ne a tlhalosa gore le ntswa motse wa gagwe o saletse kwa morago, puso e ntse e o beile mo mmepeng.

O supile fa ba eletsa gore dikhamphane di ka tsenya letsogo mo go thuseng bana, gore thuto ya bone e tokafale.

O ne a lebogela le dibolo tse ba di abetsweng a supa fa bana ba motse oo ba rata go tshameka kgwele ya dinao. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Kabo dimpho

Date : 09 Jul 2024