Autlwetse o kopa ba Mmutlane go kopanela morero
08 Jul 2024
Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, o kopile morafe wa Mmutlane go kopanela morero wa gore ke mang yo o tshwanetseng go nna kgosi ya bone.
Tona Autlwetse o buile jalo ka Laboraro fa a ba lekodisa ka taelo e e neng e tswa kwa kgotleng kgolo ya ditsheko e supa gore bangwe ba le masome matlhano le bobedi ba ne ba ikuela kgatlhanong le leina le ba neng ba le isitse ba ngongoregela gore morero ga o a dirwa mme kgotla kgolo ya ditsheko ya dumalana le bone gore kgang e e boele kwa morafeng gore go rerisanngwe.
Tona o ne a ba kopa gore fa morero o simologa, ba tsee kgang ka matsetseleko le tshisibalo ka e le kgang e e masisi thata.
A re morafe wa Batalaote ke one o itseng gore ka segabone kgosi e tlhongwa jang a ba a ba fa sekai ka mafoko a Tautona wa ntlha wa Botswana a re morafe o o senang ngwao o abo o latlhegile.
O ne a tswelela a ba tsibosa gore bogosi le jone ke sefalana sa ngwao.
Tona Autlwetse a re morero wa bogosi o tshwanetse go simolola kwa ntlung ya bogosi, fa ba sena go dumalana ba bo ba boela kwa morafeng ba o bolelela gore ba bone mang yo o ka nnang kgosi.
A re mme morafe le one o tlaa bo o lebelela leina leo, fa o sa dumalane kgotsa o dumela o tlaa ntsha mabaka.
O bile a ba kopa gore fa ba tsena mo morerong o ba seka ba tsenya sepolotiki ka gore se ka senya serodumo sa bogosi.
Tona o ne a ba bolelela gore bogosi bo methale mabedi; go nale jwa letsalo le jwa ditlhopho, ka jalo bone ke bone ba itseng gore jwa bone ke jwa mohuta mang.
Tona o ne a ba kopa gore ba sale ba dira morero wa bone mo dibekeng tse pedi ba bo ba mo fa phetolo ka gore go setse go le lobaka kgotla e sena kgosi mme go tura ka jaana fa go nale tsheko go tla kgosi e tswa kwa Shoshong kgotsa Mahalapye.
E rile morafe o ntsha la one wa supa fa o tlaa sala o buisana.
Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso o ne a ba lemotsha gore katlholo ya kgotla kgolo ke ya bofelo e bile ga go na yo o ka e ganetsang, ka jalo a ba kopa gore ba kopanele kgang e gore e wele sentle ba kgone go nna le kgosi ka gore mo ditsong tsa bone ga go ise go lwelwe bogosi, mme e le batho ba ba ntseng ba dira dilo ka thulaganyo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : Mmutlane
Event : Potsolotso
Date : 08 Jul 2024