Modukanele o thusa dikolo ka dibala makgolo
08 Jul 2024
Mothusa tona wa tlhabololo magae le selegae, Rre Setlhabelo Modukanele o abetse dikolo tse di potlana tsa Mogapi le sa Kgagodi dibuka le dibala makgolo di le nne sengwe le sengwe tsa tsone.
O tlhalositse fa maikaelelo a go dira jalo e le go diragatsa tebelopele ya 2036 le go sala morago maitlamo a ga tautona a go nna tshaba e e nang le kitso ka tsa maranyane le dipatisiso.
Rre Modukanele, yo gape e leng mopalamente wa Lerala/Maunatlala, o tlhalositse fa tiriso ya maranyane le boitseanape e ka fetola itsholelo ya lefatshe le go le baya mo maemong a mantle.
A re ke sone a boneng go le botlhokwa go abela dikolo di dirisiwa tse di ka thusang gore maitlamo ao a diragale.
O tlhalositse fa puso e beile thuto kwa pele ka jalo go tlhoka gore banaleseabe botlhe ba tsenye letsogo mo thutong ya bana gore go seka ga nna le ope yoo salelang kwa morago mo go tsa maranyane.
O ne a re go netefatsa seo, puso e tsentse maranyane a mahala mo mafelong otlhe a setshaba se kgonang go a dirisa kwa ntle ga di tshenyegelo dipe.
A re go nna le kitso ka maranyane go botlhokwa thata mo kgolong ya itsholelo ya lefatshe, bogolo jang fa bana ba ka simololwa go rutwa ka yone ba santse ba le ba botlana.
Rre Modukanele a re tsholofelo ya gagwe ke gore maduo mo dikolong a tla tokafala ka barutabana ba tsweletse ka go thusiwa ka tse di ba kgontshang go ruta le ntswa go santse go nale dikgang tse di tlhokang gore di baakanngwe jaaka letlhoko la boroko.
Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekolo se se botlana sa Kgagodi, Mme Gaamangwe Mfaladi o tlhalositse fa sekolo se nale baithuti ba le makgolo a mabedi masome a mararo le bosupa mme matlo a borutelo o ne a le lesome le bone, a bolelela fa matlo a borutelo a lekane bana botlhe mme e bile go sena tlhaelo.
A re mathata a a santseng a tshwenya ke gore sekolo se segologolo mme se tlhoka go baakanngwa gore se nne mo seemong se se kgathisang. O ne gape a supa fa go nale tlhaelo ya ditilo le ditafole, mme a tlhalosa fa tsholofelo e sa tlhabise ditlhong ka khansele e itse ka seemo sa teng.
O ne a re le ntswa ba nale matshwenyego, sekolo sa Kgagodi se dira botoka thata mo go tsa thuto, a tlhalosa fa e ne ya re mo maduong a ditlhatlhobo tsa ngogola, ba ne ba nna le bana ba ba tsereng letshwao la A ba le lesome le boraro, se a kaileng e le ditso.
Mme Mfaladi o ne a phophotha ba-na-le-seabe ba tshwana le boeteledipele jwa motse, komiti ya ditlhabololo tsa motse le ya barutabana a tlhalosa fa ba tsentse letsogo thata mo go tsa thuto.
O ne a tlhalosa fa maduo a mantle a tile ka gore sekolo se ne sa ipeela melawana e ba e salang morago go tlhomamisa gore ga gona ngwana yoo salelang kwa morago.
O ne a tlhalosa fa ba dirisa letsatsi la Matlhatso go ruta bana ,se ele boithaopo jo bo dirwang ke barutabana kwa ntle ga dituelo dipe. A re thulaganyo ya go neela dimpho ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa bone tsa kgwedi le kgwedi go dira gore ba ba ntseng ba saletse kwa morafe ba iteke.
O lebogetse dimpho a tlhalosa fa di tile go ba direla tiro motlhofo ka ba ne ba ntse ba nale letlhoko le le kwa godimo la dibala makgolo.
Kgosi Mogomotsi Mareko o ne a lebogela dimpho go tswa mo go mothusa tona, a tlhalosa fa di tile go tlhofofaletsa barutabana tiro ya go ruta.
O ne a tlhalosa fa jaanong go saletse bone go tokafatsa maduo a sekolo go gaisa jaaka ba ntse ba dira , a tlhalosa fa dikgwetlho tse ba kopanang natso di sa tshwanela go ba kgoba marapo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Kgagodi
Event : Potsolotso
Date : 08 Jul 2024