Emisang go ganyaola diphologolo - mogolwane
08 Jul 2024
Motshwarelela mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Superintendent Monnathebe Mphela o kgadile dilalome tse di ganyaolang diphologolo tsa naga ka di na le seabe se setona mo itsholelong ya lefatshe leno.
Assistant Superintendent Mphela o buile jalo mo puisanyong le BOPA ka Labone morago ga go tshwara banna ba le bane ba dingwaga tse di magareng ga masome a mararo go ya kwa go tse di masome a mararo le bosupa bosheng.
O ne a tlhalosa fa mapodisi a ne a tshwara banna bao ka koloi e e neng e pegile nama e go belaesegang e le ya kukama gaufi le lefelo la diphologolo la KD15 le KD20.
O boletse fa banna ba bararo ba ba neng ba tswa Gaborone le a le mongwe yo o tlholegang mo Tsabong ba ne ba palelwa ke go tlhalosetsa mapodisi gore ba tsaya kae nama eo.
Assistant Superintendent Mphela o ne a tlhalosa fa e tlaa re mo bogaofing banna bao ba isiwe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata go arabela molato wa bogodu jwa diphologolo tsa naga fa ditlhotlhomiso tsone di santse di tsweletse.
O boletse fa gape mapodisi a tlhotlhomisa kgang e mo go yone ditonki di le thataro di fitlhetsweng bosheng di phuagantswe ka dinama tse go belaesegang e le tsa bogodu jwa diphologolo tsa naga gaufi le lefelo la diphologolo la Mabuasehube.
O supile fa go belaesega fa beng ba ditonki tseo ba ne ba inaya naga morago ga go utlwa modumo wa koloi ya batlhokomedi ba diphologolo jaaka ba ne ba le mo mosepeleng wa bone ba dikologa ba ntse ba etse seemo tlhoko.
Assistant Superintendent Mphela o boletse fa go lemosega fa jaanong magodu a diphologolo a oketsegile le gone go ipopa ditlhopha tsa letsomo la diphologolo tsa naga ka beng-gae le ba ba tswang kwa ntle e bile ba dira e le kgwebo.
O boletse fa mapodisi a tshwenngwa ke bogodu jwa diphologolo tsa naga jo bo ileng magoletsa ka ba gatisitse dikgang tsa bogodu jwa diphologolo tsa naga di ferabobedi ngwaga o o fetileng fa mo ngwageng ono go fitlha mo nakong ya gompieno ba setse ba gatisitse di le nne.
A re go ya ka maitemogelo le ditlhotlhomiso tsa mapodisi, diphologolo tse gantsi di bolawang ke magodu ke dikukama.
Assistant Superintendent Mphela o ikuetse mo setshabeng go tshwaragana le mapodisi go emisa bogodu jwa diphologolo tsa naga , go hema go nyelela ga letlotlo leo. O kaile fa diphologolo tsa naga di le botlhokwa mo itsholelong ya Botswana ka e le tsone di okelang bajanala mo lefatsheng leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 08 Jul 2024