Breaking News

Morui wa popota wa sika loo koko le dihutshane

07 Jul 2024

Rre Isaac Diphoko wa motse wa Goo-Nku gaufi le Gabane ke mongwe wa Batswana ba ba dumelang fa botshelo jwa motho e le tlhaloganyo, ebile a dumela gape gore ga gona motho yo o ka tshelelang mo lehumeng a na le diatla.

Rre Diphoko, yo o dingwaga tsa bonana di le masome mane le bongwe a re e re ka e le motho yo a sekeng a nna ka diatla o ne a lemoga fa a ka itshetsa ka diatla le tlhaloganyo ya gagwe a sa le mmotlana.

Rre Diphoko yo e leng modisa dikago ka mmereko a re e ne yare a bona botshelo bo le thata, ka ngwaga wa 2010 a simolola thuo e potlana ya go rua dikoko tsa Setswana mo lapeng.  A re o simolotse thuo ka dikoko tse di namagadi di le lesome le mokoko le dikoko tsa sekgoa tsa nama di le lekgolo.

 Mo tsamaong jwa nako, dikoko tsa gagwe tsa atla tsa kgona go mo rekela letsopa le lengwe la dikoko le le tlhabologileng mme gape a ntse a tsweletse ka go rekisa dikoko tsa nama go dira letseno.

A re e ne yare ka ngwaga wa 2012 a lemoga fa thuo e, e ka mo tlodisa melatswana mme a nna le keletso ya go batla go itse thata ka thuo ya koko ya Setswana. 

A eletsa go itse ka malwetsi a tsone, dijo le gore di batla lefelo le le ntseng jang.

Rre Diphoko o tlhalosa fa a ne a ruile koko ya bochveld a bo a tsaya tshwetso ya go e ntsha ka gore e ne ekare ga e lerapo le le kima.  A re di ne di ka tshwara masome a supa ka palo. 

Le fa go ntse jalo are koko ya bochveld ke koko e e tsalang thata ka ngwaga ebile e kgona go dira mae a le makgolo a mabedi le masome a matlhano (250).  

A re o ne a tsaya tshwetso ya go tswakanya koko e, le koko ya mofuta wa Orpington ka yone e le koko e e lerapo lekima e na le nama ebile e kgona go gola e nna tona thata.  Mme are go dira jalo, o ne a nna le dikoko tse di ntle fela thata mo erileng mo botsamaong jwa nako dikoko tse tsa mo rekela diganse (geese).

Rre Diphoko a re dikoko di ne tsa atla mme tsa  bo tsa rekela dipodi.  Mme e ne yare ka ngwag wa 2020 dikoko tsa kgona go mo rekela dipidipidi tse pedi e tonanyana le e namagadi tsa mofuta wa mascovy. 

A re dipidipidi le tsone di ne tsa dira sentle thata ka ebile pidipidi e kgona go baya mae a le lesome le botlhano mme e a thuba otlhe.

 A re dinonyane tse ka mefuta ya tsone di mo diretse dilo tse dintsi ka gore o kgona go direkisa kgotsa fa motho a sena madi, o kgona go e mo fa mme o mo duele ka podi kgotsa sepe se motho a nang le sone. 

A re ntleng le dipodi, thuo e, ya sika loo nonyane e mo reketse dintsa tse le tsone ereng fa ditsala a rekise bana ba tsone. Are go kabakanya thuo, go mo jesetsa bana, ga a itse go lala ka tlala mme ebile o dumela fa jaanong a leruo la gagwe le tlaa kgona go mo rekela dikgomo.

Le fa go ntse jalo are o na le keletso ya go ya sekolong sa leruo go ya go ithuta mo go tseneletseng ka leruo.  A re kgwetlho e e teng fela ke malwetsi segolo bogolo mo dikokong; malwetsi a tshwana le leroborobo le dintlho (cocciodiosis) e le one a tshabelelang dikoko. 

A re o leka go lwantsha malwetsi a, ka go netefatsa gore fa di nnang teng go nna go le phepa ka nako tsotlhe le go tipa.

A re o eletsa gore mo isagong a fudusetse leruo la gagwe kwa masimong a ga bone kwa borolong gore leruo le, le tle le phuthologe le atle.

Rre Diphoko o supile fa a itse se a se dirang mme ebile kgwebo ya gagwe a e bapatsa thata mo maranyaneng a facebook mo tsebeng ya Monoka Farms, mme a re go bapatsa kgwebo mo maranyaneng go mo leretse kgwebo e ntsi fela thata mo ebileng a sa ngongoregeleng sepe ka batho ba itlisa fela kwa go ene. 

O rotloeditse banana segolo bogolo gore “fa o santse o le mo botshelong, o na le tlhaloganyo le diatla, o ka seke o bolawa ke tlala.” Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : GABANE

Event : Potsolotso

Date : 07 Jul 2024