Ba Kareng ba galaletsa maiteko a puso
07 Jul 2024
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Kareng, Rre Keapoletswe Keapoletswe o iteetse puso legofi go bo e tsibogetse go baakanya ntlo lehalahala e go jelwang mo go yone kwa bonnong jwa bana ba ba tsenang kwa sekoleng se se botlana sa Kareng, morago ga go rutlololwa ke diphefo ngogola.
Bonno joo, ke jwa bana ba ba tswang kwa go senang ditlamelo teng.
Rre Keapoletswe o ne a lekodisa modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirma, Rre Itumeleng Kelebetseng yo o neng a patilwe ke ditlhogo tsa maphata a puso go ya go utlwa matshwenyego a morafe le gore bodiredi, bo ka tokafatsa fa kae go ba isetsa ditirelo le ditlamelo botoka.
A re dipaakanyo di tsweletse sentle mme a kopa khansele gore fa madi a ka bonala, e leke go baakanya dikago tsa sekole le matlo a barutabana ka seemo sa o ne se sa kgatlhe.
O lebogile gape kgokelo ya motlakase wa mahala a re bangwe ba banni ba setse ba o akola mo motseng a bo a a akgola le ba makgotla a Setswana go bo ba kgonne go ba thusa ka koloi morago ga dingwaga, a supa fa seo se tlhofofatsa tiro ya ga kgosi le ba a dirang le bone.
Rre Keapoletswe o ngongoregetse letlhoko la metsi mo motseng a re ba ne ba kopile gore bogolo koporase ya metsi e ba siele ka dibaosara.
A re seemo se, fa se sa potlakelwe se tlaa dira gore nako nngwe sekole se tswalwe.
O kopile maphata go lekodisanya le morafe ka dikhamphani tse di fiwang ditiro mo motseng a re gantsi ba bona batho fela ba semeletse mme bogogi jwa motse bo sa itse sepe.
A re banana ba kaila mo mebileng ka ntlha ya letlhoko la ditiro mme tsholofelo ke gore fa khamphani e tla go dira tiro mo motseng, e ba thape, e seng go itlela ka bodiredi.
Mogolwane go tswa kwa koporaseng ya metsi, Rre Thabo Ndadi o supile fa ba itse ka seemo se mme a supa fa mo bogaufing ba tala rola khamphani e e hirilweng go aga mafaratlhatlha a masha a metsi kwa Semolo, a a tla nosang metse ya Kareng, Sehithwa, Bodibeng, Bothatato, Toteng le Legotlhwane.
A re tiro e, e bonetswe madi mme ba solofela fa e tlaa simologa mo nakong e e sa fediseng pelo.
O supile fa koporase ya metsi e tsweletse ka go dira maiteko go tokafatsa phatlalatso ya metsi mo kgaolong ya Ngamiland a kaya fa ba setse ba weditse go dira mafaratlhatlha a metsi kwa Gumare fa kwa Nokaneng mong wa khamphani a tsweletse le tiro.
Rre Ndadi a re ba kopile gape P12 million go tokafatsa madirelo a Tsau.
O ikuetse mo morafeng go tlhokomela mafaratlhatlha a metsi a re bogodu jwa didirisiwa ga bo ba jese diwelang mme seo se holodisa maiteko a bone a go isa metsi kwa Batswaneng.
Mogolwane go tswa kwa khanseleng, Rre Tumelo Ntsontsi o supile fa ngwaga o wa madi ba ne ba nna lesego ba bona madi a a fetang P900 000 go baakanya ntlo lehalahala kwa bonnong jwa bana.
A re ba ne ba bona madi gape go baakanya matlwana a boiteketso kwa sekoleng mme a supa fa tlhaelo ya madi e ba paledisa go baakanya matlo a barutabana le dikago tsa sekole.
Fa a itebaganya le dikhamphani tse di hiriwang ke puso, o tlhalositse fa fa gantsi mong wa khamphani a itlela ka bodiredi jwa dikitso tse beng ba motse ba senang natso.
Rre Ntsontsi a re fa e le tiro e e sa batleng dikitso, mong wa khamphani o tshwanetse a hira banana mo motseng.
Rre Kelebetseng o ne a supa fa tsela ya kareng e tlhoka go tsenngwa sekontere a tlatsa ka gore le ditsela mo motseng di tshwanetse tsa tokafadiwa.
O ne a supa fa a itumelela go utlwa fa bangwe ba setse baa kola kgokelo ya motlakase wa mahala a re go botlhokwa gore fa puso e ntsha mananeo a neelwe morafe go tokafatsa matshelo a bone.
Rre Kelebetseng o ne supa letshwenyego ka tshenyo le borukutlhi jwa dithoto tsa puso a re seo se busetsa kwa morago maiteko a puso a go tokafatsa ditirelo se tse di fiwang Batswana.
O supile dikai ka tshenyo ya didirisiwa tsa metsi le motlakase mme a ikuela mo setshabeng go nna matlho a puso le gone go bega tshwenyo ko go ba ba tshwanetseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Kareng
Event : Tekodiso
Date : 07 Jul 2024