Breaking News

Ditlhwatlhwa tsa dijo di a tshwenya

07 Jul 2024

Tona wa Temo-thuo, Rre Fidelis Molao a re puso e tshwenyegile ka ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo tse di kwa godimo mo nakong eno ya leuba.

Tona Molao o buile se kwa ditshupong tsa Temo-thuo tse di neng di tshwerwe ke barui ba kgaolo ya legare ba ba ikopantseng, Future Genetics kwa Kgagodi ka Labotlhano.

A re puso e ne ya dira ditshekatsheko tse di tseneletseng mme ya supa fa ngwaga ono e le wa leuba ka jalo ga nna le thulaganyo ya gore barui ba ka thusiwa ka go reka dijo tsa leruo ka phokoletso go simola kgwedi eno go fitlhela ngwaga o o tlang.

Rre Molao o supile fa thulaganyo e le gore barui ba reke dijo tsa leruo ka phokoletso ya 30 per cent.

A re puso ga e jesiwe diwelang ke koketsego ya ditlhotlhwa tsa dijo tsa leruo e e diragalang nako le nako ka leuba fa puso e itlama go thusa barui go reka ka phokoletso.

O kaile fa puso e etse tlhoko seemo se mme a kopa beng ba madirelo a dijo tsa dikgomo go emisa go dira jalo, a tlhalosa fa puso e lebile seemo se.

A re mhama wa thuo o ka thusa go tswakanya itsholelo mme go tlhoka ba-tsaya karolo botlhe go bona gore se, se a diragala.

Rre Molao o rotloedise barui le botlhe ba ba eletsang go tsena mo thuong go dirisa lenaneo la Thuo Letlotlo, go godisa mhama  wa thuo, a tlhalosa fa lenaneo le, le na le dikarolwana tse dintsi tse ba ka tsenang mo go tsone di tshwana le thuo ya dikgomo, dihutshane, dikolobe, dinotshi, dintsa ga mmogo le go lema dijo tsa leruo ka nosetso.

A re lenaneo la Thuo Letlotlo le na le karolwana ya go tlhabololo metsi ka jalo, morui o ka le dirisa go reka sediba,  go se epa kana go katolola matamo.

Senggwe se a se gateletseng ke go nna le ntlwana ya boitiketso kwa morakeng kana kwa morui a ruetseng teng, a tlhalosa fa lenaneo le ka thusa morui gore a direlwe ntlwana ya boithomelo gore go seka ga kgotlelwa tikologo, go itsa leruo go tsenwa ke malwetse.

“Lenaneo le le buletswe e bile ikwadiso e simolotse mo maranyaneng. Fa e sa le e simolola kgwedi eno re setse re bone baikopedi ba ka nna 239,” Rre Molao a tlhalosa.

O rotloeditse Batswana go  tsibogela lenaneo le, go tlhabolola matshelo a bone.

A re botlhe ba ba eletsang go tsena mo lenaneong ba tsene mo maranyaneng a BAITS gammogo le ba ba ntseng ba ikwadisitse mo BAITS ya bobedi ba tshwannwa ke go hudugela kwa BAITS ya boraro.

Ba ba neng ba tsere lenaneo la Temo Letlotlo, a re le bone ba letlelelwa go ka tsaya  Thuo Letlotlo mme ba sa dire se se tshwanang le se ba se dirileng ka Temo Letlotlo.

Rre Molao a re ba ba neng ba filwe dikwalo gore ba tlaa thusiwa mo lenaneong la LIMID ga ba na go tlogelwa kwa morago mme ba ya go thusiwa mo Thuo Letlotlo.

Mothusa Tona wa lephata la Papadi le madirelo, Mme Beauty Manake o lebogetse tsotlhe tse Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a di dirang go godisa itsholelo, bogolo jang mhama wa temo-thuo.

A re bontle jo bo dirwang ke barui ba Future Genetics ke ka tlhotlheletso ya ga Tautona Masisi mme a ba rotloetsa go godisa ditshupo tsa bone.

Mme Manake o lebogetse barui ba bomme go bo ba tsentse letsogo mo mhameng o tlwaelesegileng gore ke wa borre.

O ba kgothaditse go dira ka natla go tlhabolola matshelo a bone, a bo a lebogela mananeo a Chema Chema, Temo Letlotlo le Thuo Letlotlo.

A re mananeo a, a tsile go tlhabolola segolo jang bomme le banana mme a rotloetsa gore ope a seka a salela kwa morago.

Modulasetilo wa Future Genetics, Rre Rex Mothobi o lebogile Tautona Masisi go bo a eme balemi-barui nokeng, a tlatsa ka gore  go saletse bone go dira go feta, go tswakanya mhama wa thuo le go o godisa.

Rre Mothobi a re mananeo a teng a tsile go thusa go fokotsa go reka dijo kwa ntle a re se, se ba gwetlhile gore e le barui ba tswele kwa ntle ba thusane e bile ba sa le motlhala wa ga Tautona morago.

“O dirile gore dilo di nne motlhofo mme re a go tshephisa gore re a go dira go feta fa,” Rre Mothobi a supa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : KGAGODI

Event : ditshupo tsa Temo-thuo

Date : 07 Jul 2024