Ranooe o itshetsa ka dikolobe
04 Jul 2024
Thuo ya dikolobe mo Botswana, e gantsi e dirwang ke barui ba ba botlana, e bolelwa e tokafatsa matshelo a bone.
Kwa Motokwe, Mme Nametsegang Ranooe yo o ruetseng dikolobe di se kae mo segotlong, o boleletse BOPA gore ga a ikotlhaele tshwetso ya go rua dikolobe.
A re keletso ya go rua e tlholegile fa a rakana le rre mongwe yo o neng a di ruile mme nako nngwe a eletsa go di ananya ka mmidi gore a di fe.
Mme Ranooe a re fa e sale a simolola go rua ka go ananya mmidi ka dikolobe ka 2023, ga a ise a ko a gadime kwa morago ka lorato lwa thuo ya dikolobe lo ne lwa gola.
A re le fa thuo ya dikolobe e simologile e le tekeletso, e mo tlodisitse melatswana ka nako ya komelelo.
A re fa o di tlhokomela ka lorato, dikolobe di ka go busetsa ka e bile mmaraka wa nama ya tsone o le boruma.
Mme Ranooe o na le dikolobe tse di tsalang di le tlhano, tse nne e le manamagadi mme bana ba tsone ba masome mararo le bobedi.
A re o ne a kopana le morui mongwe wa dikolobe yo o neng a mo fa maele a thuo ya tsone, selo se se mo thusitseng go nna mogwebi yo o botoka.
Mme Ranooe a re dikolobe di tlhoka go fepiwa sentle gore fa di setse di lekane go rekisiwa di buse madi a a ka tsweledisang thuo.
A re maikaelelo ke go atolosetsa thuo kwa polasing gore di tle di ate di phuthologile gore le ene a thuse go oketsa nama ya kolobe mo mmarakeng ka ebile e bolelwa e siametse botsogo.
A re go tsenelela ditshupo tsa temo-thuo tsa Motokwe go bontshitse batho ba le bantsi gore ba ka bona kae dikolobe le go kopanya barui go rutana matswakabele a thuo ya dikolobe.
A re dikolojwana tse tharo tse a neng a tsile go di supa di tsere maemo a bobedi, selo se se mo fileng matlhagatlhaga ka go supa fa a le mo tseleng ebile a ntsha letsopa la boleng.
Mme Ranooe a re ga a ise a kopane le mathata ape mo thuong fa e se dijo tse a di rekang kgakala.
A re legale o buisantse le ba Botswana Agricultural Marketing Board kwa Kang gore ba mo rekisetse dijo tsa dikolobe.
A re keletso ke go godisa kgwebo ya gagwe gore a itshetse a bo a thape ba bangwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MOTOKWE
Event : Potsolotso
Date : 04 Jul 2024