Mosadimogolo o shetse mo ntlong
04 Jul 2024
Mapodisi a Werda a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosadimogolo wa dingwaga tse di masome a ferabobedi le boferabobedi, a fitlhetsweng a shetse mo ntlung ya gagwe kwa Makopong.
Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia o boleletse BOPA fa ba begetswe tiragalo e, kgwedi e e fetileng e le masome a mararo maitseboa morago ga go bonwa ke mofiti ka tsela.
Superintendent Ramatsia o tlhalositse fa mapodisi a ne a ragogela kwa tiragalo e diragetseng teng, mosadimogolo a ragosediwa kwa kokelwaneng ya Makopong go thusiwa ke ba bongaka.
O tlhalositse fa seemo se ne sa bifela pele mme a romelwa kwa kokelong ya Tsabong kwa neng a tlhokafala letsatsi le le latelang la Mosupologo kgwedi eno e rogwa.
A re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse mabapi le se se ka tswang se bakile tiragalo eo.
Superintendent Ramatsia o supile fa moswi a ne a nna a le nosi mo ntlung ya kamore e le nngwe mme a ne a nna le kgaitsadie mo jarateng.
O supile fa e le tiragalo ya ntlha mo kgaolong ya gagwe.
O gakolotse setshaba go ikela tlhoko mo dilong tse ba di dirisang go thuthafatsa matlo mo pakeng ya mariga, le gore ba di time pele ga ba robala. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : WERDA
Event : Potsolotso
Date : 04 Jul 2024