Breaking News

Somarela Matlakala babopi ba tlhwatlhwa

03 Jul 2024

Setlhopha sa bomme ba Motokwe se se itsegeng ka leina la Somarela Matlakala, se ne se lakasela kwa ditshupong tsa Motokwe ka mafelo a beke jaaka maloko a ne a supa botswerere jwa go bopa dinkgo ka pampiri.

Fa a bua le BOPA, leloko la setlhopha seo, Mme Ketlhoelwang Moreki o boletse fa ba bone go le maleba go tlhama setlhopha gore ba dirise pampiri e e neng e le ntsi e bile e leswafatsa tikologo.

Ba ne ba eteletswe pele ke bomme Duduetsang Moreki le Dorah Molematsela. Mme Moreki are puso e tsweletse ka go nonotsha bomme le go ba kgothatsa go bula dikgwebo, ka jalo ba bona go bopa dinkgo e le one monyetla wa go dira jalo.

A re le fa kgwebo e le thata e na le dikgwetlho, ga ba ise ba akanye go ineela.

O tlhalositse fa dinkgo di dirwa ka sekgobokgobo sa pampiri e e bodisitsweng.

Mme Moreki a re ba dira gore di seka tsa bola thata tsa tloga tsa ba nkgela mme ba palelwa ke go bopa ka tsone.

Mme Moreki a re ba dira dibopiwa tse di farologanyeng tsa ntlo tse e reng di sena go oma ba bo ba di goba ka mmu gore di lebege jaaka dinkgo tsa letsopa.

E setse e le ngwaga wa boraro Somarela Matlakala e ntse e isa dinkgo kwa ditshupong tsa temo-thuo kwa Motokwe, mme bomme ba, ba re ba itumelela thotloetso e ba e bonang.

Ba re le fa go ntse jalo ba tlhoka go sugwa mo go direng dinkgo ka pampiri gore ba phomelele le go feta.

Mme Moreki a re Somarela Matlakala e ikaelela go atolosa tse ba di bopang e seng go ikganelela mo go bopeng dinkgo go ya go ile ka go na le go dirisa dilo tse dingwe di tshwana le ditsiri le galase, mme a re go re ba kgone ba tlhoka madi le botsipa jo bo rileng.Ba re jaanong ba itlhokoletsa go tsenelela ditshupo tsa temo-thuo tsa Ghanzi tse di tlaa tshwarwang mo bogaofing.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOTOKWE

Event : ditshupo tsa Motokwe

Date : 03 Jul 2024