Breaking News

Mogokgo o akgola kgosi

02 Jul 2024

Tshwaragano le kemonokeng ya ga kgosi Motsamai, e rotloeditse le go ngoka batho ba motse go nna le kgatlhego ya go thusana le barutabana go betla bana go tlhagafalela thuto.

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Kutamogoree, kwa motseng wa Kutamogore,  o buile  seo kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke sekole seo go ipelela phenyo ya maduo a ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa bosheng.

Fa a akgola kgosi, o ne a re kemonokeng eo e mo supa ele motho a na le tebelopele, boikarabelo, e bile a nyoretswe go bona bana ba tsena sekole le go dira ka natla ka go rotloetsa batsadi go nna le seabe mo thutong ya bana ba bone.

Mogokgo a re tshwaragano le tirisanyo mmogo eo ke yone e e dirang go re sekole se nne se dira botoka mo maduong ka nako tsotlhe ntswa motse o  le kgakala le ditlamelo. O boletse fa ngogola sekole seo se ne se pasitse thata ka se tsere maemo a ntlha mo dikoleng tse dipotlana tsa kgaolo ya Tutume ka maduo a 93 per cent A,B le C.

Mme Monyamane o ne a leboga tirisanyo mmogo e ntle e boeteledipele le batsadi ba e supileng, a re go bo sekole seo se kgonne go fitlhelela fa se leng teng, ke ka lebaka la tomagano eo. A re ba motlotlo ka phenyo eo ka ba kgonne go diga mokaloba e bong sekole sa Sowa se se tswang kgakala se ba gaisa.

Sebui sa tlotla kwa moletlo oo, mogwebi wa madirelo a Dominic Studios kwa Tutume, Rre Wachila Khani a re go tshwaraganela thuto ya ngwana go tsisa maduo a mantle mo sekoleng.

A re botsalano jwa ba-na-le-seabe mo thutong ya bana ba sekole seo, bo dira tiro e e botlhokwa thata ya go godisa ngwana le go mmetlela bokamoso jo bo eletsegang mo setshabeng. 

Mookamedi wa madirelo a Mojanaga Investments kwa Tutume, Mme Patricia Mojanaga o ne a rotloetsa baithuti go tlhoafalela thuto. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : KUTAMOGOREE

Event : Moletlo

Date : 02 Jul 2024