Ba Mahalapye ba rotloediwa go phepafatsa tikologo
02 Jul 2024
Lephata la tlhokomelo tikologo la khansele ya Mahalapye le ne le tshwere lenaneo la phepafatso tikologo kwa Mahalapye ka Labotlhano.
Mogolwane mo ofising ya tlhokomelo tikologo, Rre Mopati Tapiso, o boletse fa maikaelelo magolo e le go rotloetsa setshaba go nna seopo sengwe mo phepafatsong ya tikologo le go ba rotloetsa go fetolela matlakala mo tirisong, e le tsela ya go phephafatsa tikologo.
O tlhalositse fa koloi ya matlakala e tsamaya ka malatsi a a farologanyeng go tsaya matlakala, ka jalo a kopa morafe go phepafatsa le go kgobokanya matlakala mo ditankeng tsa matlakala tsa morafe. Rre Tapiso o boletse fa a tshwenngwa ke ka fa tikologo ya Mahalapye e sa kgatlheng leitlho ka teng, lebaka e le leswe le matlakala a a gasameng mo motseng.
Rre Tapiso a re go thona gore motse wa Mahalapye abo o le mo tseleng e kgolo ya A1 ebile o ralalwa ke batho ba le bantsi mme o le leswe.
Are batho ba leswafatsa tikologo ka go latlhela matlakala mo mebileng le mo dinokeng ntswa e le maikarabelo a bone go thusana le lephata la tlhokomelo tikologo mo phepafatsong.
O boletse fa kgwetlho e tona e le gore malwapa ka bontsi ga ana ditanka tsa matlakala, selo se a reng se tsisa dipotso tsa gore ba latlhela matlakala kae ka go sa supagale a tsewa ke koloi ya khansele.
Rre Tapiso o rotloeditse banni go itshwaraganya le khansele ka ba ka bona thuso e e maleba mabapi le go tsaya matlakala.
O tlhagisitse banni go ikgapha mo go tshubeng matlakala ka go sa siamela botsogo le loapi mme ebile go le molato o motho a a ka atlholelwang P300 go ya go P14 000.
O kgadile mokgwa wa go baya matlakala ka mephuthelwana fa tlase ga ditsela ka dintsa di a kgagola a bo a jewa ke leruo.
O rotloeditse banni go ikwadisetsa go tseelwa matlakala ke koloi ya lephata la tlhokomelo tikologo ka go duela bonyenyane jwa P20 ka kgwedi mme ka ngwaga ele P200.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : MAHALAPYE
Event : Phepafatso tikologo
Date : 02 Jul 2024