Ditshupo di tsholetsa temo-thuo le metse
01 Jul 2024
Ditshupo tse di tshwarelwang kwa Motokwe ngwaga le ngwaga di baya motse oo mo mmepeng.
Mafoko a a builwe ke Kgosi Batho Tshoso wa Motokwe fa a ne a amogela batho kwa ditshupong tseo ka Labotlhano.
Kgosi o ne a supa gore ba ne ba ka nwa ditshupo moro thata fa maphata aa maleba a ne a ka tsibogela selelo sa bone ka ba tshwengwa ke bojang jwa tlolela.
O supile fa bojang bo na le dingwaga di le lesome bo ntse bo le teng mo motseng , a bo a kopa ba ba tshwanetseng go dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka jone le gore ba ka bo fenya jang.
Kgosi Tshoso o ne a supa fa gape tikologo ya motse wa gagwe e dikile e jelwe ke molelo mme masimo mangwe a amega, a bo a kopa gore go gopiwe go dirwe dikganedi tsa melelo gore e seka ya jwelelela.
O tlhalositse gape fa ba ne ba nna lesego ka ngwaga wa 2022, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ne a abela motse poo.
O ne gape a ntsha matshwenyego a gore balemi barui ga ba kgone go ipeela ditlhotlhwa jaaka bagwebi ba bangwe.
Morui ebile e le mothusa mokwaledi wa komiti ya ditshupo tsa Motokwe, Rre Orateng Dikomane o ne a supa fa thuo e le tiro.O kaile fa go le botlhokwa gore fa motho a ruile a tseye thuo ka tlhoafalo, a nne a le teng ka dinako tsotlhe.Rre Dikomane o ne a gakolola barui gore ba nne lerato mo diruiweng tsa bone.
O kopile barui gore ba seka ba kopanya go rua le ditiro tse di tla a ba tseelang nako ya go tlhokomela leruo la bone.
E rile a ntsha la gagwe modulasetilo wa pele wa ditshupo tsa Motokwe, Rre Timon Kelebeng a supa gore go fitlhelela ba tsaa temo-thuo jaaka kgwebo, ba tlaa tswelela ba lela ka letlhoko la dijo mo lefatsheng leno.
O tlhalositse fa ba simolotse ditshupo tsa Motokwe ka ngwaga wa 2017, a supa fa barui ba ba neng ba tlisa leruo kwa ditshupong ba supa fa ba simolotse go boelwa ka jaana batho ba ba leletsa fa ba batla go reka leruo.
Rre Kelebeng o ne a supa fa ditshupo di tshwanetse go nna le kgogedi, a supa fa ba dira dikgaisanyo tsa kgwele ya dinao go oka banana.
O supile gape fa ba leka ka bojotlhe gore ditshupo tse di gole mme di nne mo seemong sa Ghanzi, a bo a lebogela tirisano mmogo ya bone le khansele ya Letlhakeng.
Modulasetilo wa ditshupo tsa Ghanzi Rre Thuso Mackenzie o ne a supa matshwenyego a gore banana ga ba rate go tsaya boikarabelo mme ba rata go supa ka menwana.
O supile fa a tsene mo komiting ya ditshupo a le dingwaga di le masome a mabedi le borobabongwe, mme ya re morago ga ngwaga di le tharo a fiwa maemo a bodulasetilo.
Rre Mackenzie o ne a supa fa ba dirile Ghanzi Show Trust.
O tlhalositse fa sengwe le sengwe se ba se dirang se na le motlhala, a bo a tlhalosa gape fa monongwaga ditshupo tsa bone di tla a bo di digela dingwaga tse di masome a matlhano.
Rre Mackenzie o ne a tlhalosa gore le ntswa ba ipelela dingwaga tse di ntsi, ga ba na lebala le le tlhabolotsweng ka ntlha ya gore ke la khansele.
O supile fa ba dirile tumalano le khansele gore ba tlhabolole lebala leo mme ebile ba setse ba simolotse go le tlhabolola.
O kopile banni ba Motokwe go ithotloetsa go tlhabolola lebala la bone. Rre Mackenzie o ne a kopa gore ba seka ba dira ditshupo tse dintsi mo kgaolong ka jaana barotloetsi ba le bangwefela.
O tlhalositse fa ba na le dikomiti tse di farologanyeng tse di itebagantseng le ditiro tse di farologanyeng tsa ditshupo.
Modulasetilo o supile fa ba itumelela gore ditshupo tsa bone e le tsone tse ditona mo Botswana, a bo a ba gakolola ka gore ga go ke go tlhoka dikubetsano, ba tshwanetse go itse gore ba direla morafe.
O supile gore ga ba dire dipoelo mme se ba se lebileng ke gore bagwebi ba kgaolo ya bone ba dire letseno ka nako eo gore ba kgone go fetola matshelo a bone.
Rre Mackenzie o ne gape a supa fa ba solofetse baeng go tswa kwa lefatsheng la ga Mmamosadinyana mme ba ne ba sa ba laletsa.
O tlhalositse fa ditshupo tsa Ghanzi di ngoka batho ba ka nna dikete di lesome go ya ko go dikete tsedi lesome le botlhano mo bekeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : MOTOKWE
Event : Ditshupo
Date : 01 Jul 2024