Ba gakololwa go lwantsha borukutlhi
01 Jul 2024
Banni ba Pitsaneng ba kopilwe go tshwaraganela go lwantsha borukutlhi mo kgaolong ya bone.
Kopo eo e dirilwe ke mopalamente wa Kanye Bophirima, Rre Thapelo Letsholo mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa motseng oo bosheng.
Mo dikakgelong tsa bone, banni ba ne ba supa fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke seemo sa borukutlhi mo kgaolong ya bone, bogolo jang bogodu jwa leruo le motlhaba.
Ba ne ba supa seemo seo se ka kgoreletsa maiteko a puso a go rotloetsa thuo, ka jaana go lebega bogodu bo golela pele.
Banni ba ne gape ba kopa gore go nne le molao o o tlaa laolang matimela, ba supa fa o o leng teng o sena boleng ka o rotloetsa bogodu jwa matimela. Ba supile khansele ka monwana ba re e maoto a tshupa go tsibogela dikgang tsa dikgomo tse di timetseng.
Fa a tswa la gagwe, Rre Letsholo o ne a kopa banni go tlhama komiti ya ntebela ke go lebele, a supa fa seo se ka thusa thata go lwantsha borukutlhi mo kgaolong.
O solofeditse fa a tlaa nna teng mo phuthegong ya bone ya go thama komiti ya ntebela ke go lebele, mme a ba gakolola go dirisanya le mapodisi gore komiti ya bone e tle e atlege.
Mo go tse dingwe, banni ba ne supa fa ba tshwenngwa ke ditshwene tse di ba senyetsang, gape di bolaa dikoko le dipotsane, ka jalo ba botsa fa go na le se puso e ka se dirang go ba phimola dikeledi.
Rre Letsholo o ne a supa fa mo nakong eno go sena thulaganyo ya go phimola dikeledi botlhe ba ba senyediwang ke ditshwene.
Le fa go ntse jalo, o boleletse banni fa a setse a kile a buisana le Tona wa Lephata la Tshomarelo Tikologo le Bojanala go seka seka kgang eo mme a tlaa tswelela ka go e sala morago ka jaana seemo seo se okeletsa banni lehuma.
Rre Letsholo o ne a tswelela a kopa banni go tlhokomela ka fa ba latlhang metseto ya bana ka teng ka jaana go sa e latlhe ka fa go tshwanetseng go ka tsenya botshelo jwa batho le leruo mo diphatseng.
O boletse fa a tlaa kopa khansele go ba thusa ka seemo seo.
Fa a bua ka ditlhabololo tsa motse, Rre Letsholo o ne a supa fa puso e amogetse kopo ya bone ya go agelwa sepatela, ebile madi a go aga a setse a le teng le khamphani e e tla agang e tlhophilwe.
O supile fa tshwetso e tserwe gore sepatela seo se agiwe kwa mabaleng a ditshupo, a supa fa puso e dumalane le khamphani eo gore e e fetse tiro ka nako, le ka madi a a dumalanweng.
A re nngwe ya dikatlego tse banni ba tshwanetseng go di itumelelela ke kago ya sekole se sebotlana kwa Losabanyana, a tlatsa ka gore, le fa go ntse jalo, puso e lemoga letlhoko la sekole se sebotlana mo kgaolong ya bone.Rre Letsholo are o tlaa dira ka thata go netefatsa gore sekole seo, ga mmogo le ditlhabololo tse dingwe jaaka kokelo e potlana di tsengwa mo ditogamaanong tsa ditlhabololo.
O ne a supa fa lebala le le tona la metshameko le setse le agilwe, jaanong go agiwa matlwana a boitiketso.
Fa a araba ka letlhoko la metsi, Rre Letsholo o ne a rotloetsa banni gore ba seka ba kgobega marapo, a supa fa lenyora le ba sa bolong go lela ka lone le le gaufi le go fela ka jaana go na le khampani e e tsweletseng ka go baakanya moalo wa go tsamaisa metsi a a phepa mo motseng mme seemo se tlaa tswelela se tokafala fa khamphani e ntse e tsweletse ka tiro eo.
Mo go la gagwe, mogolwale wa mapodisi a Kanye, Superintendent Vincent Pitsietsile o ne a supa fa a tlaa tsaya dikgang tsa bogodu jwa leruo le jwa motlhaba ka tlhoafalo.
O ne a kopa banni go dira ka thata go tlhama komiti ya ntebela ke go lebele go lwantsha bogodu mo kgaolong ya bone.
Supt Pitsietsile a re ba itemogetse fa go na le mefuta mengwe ya dikoloi tse di dirisiwang mo bogodung, ka jalo batho ba seka ba gakgamala fa ba emisiwa ke mapodise gangwe le gape.
O ne a rotloetsa banni go tswelela ba ba thusa ka bosupi le go ba loma tsebe fa gona le sengwe se ba se itseng ka dikgang tsa borukutlhi. A re se se ka thusa thata gore tiro ya bone e nne motlhofo.
Fa a ntsha pego, kgosana wa kgaolo eo, Rre Patrick Sebati a re ba itumelela gore a bo ba letleletswe go nna le lekgotlana la ditlhabololo tsa motse mo kgaolong ya bone, a supa fa ba ntse ba le ka fa tlase ga komiti ya kgaolo e e bapileng le bone ya Dilolwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Jul 2024