Breaking News

Tshwaragano e ka fenya borukutlhi

27 Jun 2024

Banni ba Radisele ba kopilwe go ikgata motlhala go bona ka fa ba ka dirisang metllhale e e neng e dirisiwa bogologolo go lwantsha borukutlhi le botlhoka tsebe jwa banana.

Kopo e, e dirilwe ke Kgosi Prince Obuseng wa Lecheng  kwa thuto-puisanong ya twantsho borukuthi e e neng e tshwerwe kwa Radisele bosheng.

Thuto-puisano e ne e ngokile maphata le makalana a a ikemetseng mme gape ba na le seabe mo dikgannyeng tsa borukutlhi. 

Kgosi Obuseng yo eleng  modulasetilo wa komiti-kgolo ya twantsho borukuthi ya kgaolo ya sepodisi ya No2,  a re tshwaragano ya ba-na-le-seabe e ka hema borukuthi jo bo tsweletseng ka go gola mo lefatsheng leno.

A re ntswa bogologolo go ne go sena mapodisi, mme borukuthi  bo le teng, bo ne bo diragala ka sewelo. 

A re go ne go na le mephato e e neng e itebagantse le ditiragalo tsa mohuta o, mme go dirwa ka boithaopo. 

O tlhalositse fa tlhabologo e fetotse mekgwa e e neng e dirisiwa go aga bana le go lwantsha borukuthi mo go neng go dirwa ke magosi ka mephato ya bone.

Kgosi Obuseng a re go botlhokwa gore botlhe ba tsaya karolo ba tsene mo dikomiting tsa twantsho borukuthi go tshwaraganela diemo tse.

 O rotloeditse morafe go tseya boikarabelo jwa go bega borukuthi bope fela jo ba bo bonang bo diragala

Kgosi o kgadile batsadi ba ba lobang kgokgontsho ya bana le go e rotloetsa ka go amogela dimpho tsa badira melato.

A re tiriso botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo ya bana ke molato, a tlholosa gore bana ba felela ba senyegelwa ke bokamoso ka ba imisiwa ke borre ba ba tona mme ba sa tshwarwe. 

Kgosi Obuseng a re go tsaya karolo ga morafe go botlhokwa,  a tlhalosa gore ga gona ope yo ka tlang go ba baakanyetsa seemo sa motse wa bone.

O ba gakolotse go tlhama dikomiti tsa twantsho borukuthi tsa ntebele-ke-go-lebele mo motseng, kwa masimong le meraka. O kgadile borre ba ba kgokgontshang bomme le bana a re borre ke basireletsi ba malwapa, ka jalo ba sa tshwanela go bonwa e le baba mo malwapeng.

Mogolwane wa mapodisi a Palapye Supritendent Molly Lebala-Moduke a re maikaelelo a thuto-puisano ke go rotloetsa tshwaragano ya bone, morafe le maphata go lwantsha borukuthi. 

A re ba laleditse ba-na-le-seabe go tla go ruta morafe ka tse di amang maphata a bone, le go ba tlhalosetsa ka dikgang tsa borukuthi.

Supritendent Moduke-Lebala a re maikaelelo ke go nonotsha dikomiti tsa twantsho borukuthi gore di bereke.

 A re mo kgaolong ya gagwe ya sepodisi motse wa Radisele o di goga kwa pele mo borukutlhing. 

O kopile banni go ema ka dinao, ba tla ka metlhale le maano a go lwantsha borukutlhi.

Kgosi Shathani Mmereki wa Radisele a re motse wa gagwe o digoga kwa pele mo borukuthing.    

A re ba tshwaragane  le sepodisi go lwantsha borukuthi jo bo agileng mo motseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Ka Kefilwe Selotlegeng RADISELE

Event : Thuto-puisano

Date : 27 Jun 2024