Kgalagadi e fitlheletse seelo
26 Jun 2024
Lekgotla la Kabo Ditsha la Kgalagadi le fitlheletse seelo se le neng le se ipeetse go baya ditsha mo ngwageng wa madi wa 2023/2024.
Fa a lekodisa dikgosi tsa kgaolo ya Tsabong Seetebosigo a le masome a mabedi le bone, modulasetilo wa lekgotla leo, Rev. Sylvester Tselaesele a re e ne ya re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a sena go ntsha taelo ya gore makgotla a kabo ditsha a beye ditsha di le 100 000, ba ne ba hunela ditlhako go diragatsa thomo eo, mme e le ba lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi, ba ipeela seelo sa 4 325 yo ba mo fetileng ka ba abile ditsha di le 5 725.
Rev. Tselaesele o kaile fa setsha sa bo 100 000 se ne sa bewa bosheng kwa Kanye mme letsema le ntse le tsweletse go aba ditsha e bile ba ikaelela go baya ditsha di le 2 335 mo ngwageng ono.
A re le fa lekgotla la kabo ditsha le fitlheletse seelo seo, ba lebanwe ke kgwetlho ya gore go na le mananeo a masha a puso e a ntshitseng a Temo Letlotlo le Thuo Letlotlo, mme mo kgaolong ya kgalagadi ga gona lefatshe le ba bayang batho go direla mananeo ao mo go lone.
Rev. Tselaesele a re ga gona lefatshe le ba ka bayang ditshimo tse ba ka lemang mo go tsone kana lefatshe le go ka go ruelwang mo go lone, mme go tlhoka go thulanya ditlhogo le dikgosi go tswa ka maano a gore ba ka dira jang gore banana ba akole mananeo a.
O lebogetse dikgosi tiro e ntle e ba e dirang mo kabong ya lefatshe ba berekisanya sentle le bone ba tshwaragane le ba khansele.
A re ba tshwenngwa ke gore fa ba sena go sega ditsha di tlhoka batsei.
O kaile fa kwa Draaihoek go na le ditsha di le 158 tse di segilweng mme di ise di bewe ka palo ya baikopedi kwa motseng oo e le kwa tlase, kwa Maralaleng di 104, kwa Omaweneno di 149, kwa Maleshe di 288 fa kwa Middlepits go na le di le 175 mme selo seo se a tshwenya ka se busetsa maiteko a lekgotla leo a go baya kwa morago.
Rev. Tselaesele o supile gore palo ya baikopedi mo mafelong ao e le kwa tlase mme e bile fa ba sekaseka dikopo ba itemogela gore banana ba metse eo ba tsenya dikopo kwa Tsabong, kwa e leng motse se-ka toropo ba latile ditlamelo.
O gakolotse gore banana fa ba tlogela ditsha kwa magaeng a bone, go ya go dira gore dipalo tsa batho kwa metseng e ba tlholegang kwa go yone di seka tsa oketsega ka bontsi jo bo salang koo e le bagodi fela mme seo se ame ditlhabololo le tswelelo pele ya metse.
A re Tsabong o na le mosuke wa dikopo di le 1 327 tse ba tsweletseng ka go baya baikopedi mo nakong eno mo ditsheng tse di segilweng.
Rev. Tselaesele o ngongoregetse gore le fa ba dira maiteko a go baya batho, a itaya se fololetse ka gore bosheng kwa Tsabong, ba ne ba laletsa batho go tla go bewa mme ga baa tla.
O kaile fa go ne go laleditswe baikopedi ba le 656 mme go ne ga tla fela ba le 337 selo se a reng ga se ba jese diwelang.
A re ba tshwenngwa ke gore baikopedi fa ba sena go bewa, ba busa ditsha kwa morago ba re ba batla tsa Tsabong mme seo se busetsa tiro kwa morago.
Le lengwe letshwenyego a re e a re ba sena go baya ditsha motho a se rekise mo nakong e khutshwane, mme ba boele gape kwa go bone go tsenya kopo mme go seke go kgonege ka molao ga o letle.
O rotloeditse ba ba beilweng ditsha tsa kgwebo go duela madi a lekgetho la setsha ka gore mo nakong eno lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi le kolotiwa P17 million.
A re go botlhokwa gore ba ba kolotang ba iketleetse gore madi ao a tle a thuse go reka dikoloi le go aga matlo a boroko a badiri, go tsamaisa ditirelo tsa peo ya lefatshe ka thelelo.
Fa a amogela dikgosi, mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi, Rre Nicholas Motlogelwa o supile botlhokwa jwa go rerisanya le dikgosi, go tswa ka megopolo ya gore go ka dirwa jang go baakannya dilo go tokafatsa ditirelo tse ba di isang kwa Batswaneng.
A re puso e ntshitse mananeo a Temo Letlotlo le Thuo Letlotlo mme mananeo ao a tlhoka lefatshe gore a diragadiwe ka jalo go le botlhokwa go tswa ka megopolo go fefosa thuso.
Kgosi Benjamin Bailelwang wa Bogogobo a re e re ka lefatshe le seyo, go ka duwa ka tselana nngwe ya gore masimo a a sa tlhabololwang a ka hirisediwa baikopedi ba mananeo a masha gore a tsenngwe mo tirisong, ka jalo a kopa ba kabo ditsha go tsenya leitlho gore lefatshe le berekisiwe.
Kgosi Phillip Lorekang wa Maubelo, ene o ne a re go ka fokodiwa lefatshe la tshomarelo diphologolo ka sekgala sa dikhilomethara di le lesome, gore batho ba bewe ba nne le fa ba ka direlang teng fa ba sena go tsaya mananeo le gore go nne le mafudiso a diruiwa.
Fa a ba araba, Rev. Tselaesele a re ditshekatsheko di tsweletse di a dirwa morago ga gore mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks a tlhabe mokgosi kwa Palamenteng a kopa gore mafelo a tshomarelo diphologolo a fokodiwe gore go nne le mafudiso.
O kopile dikgosi go nona pelo ka mathe go emela ditshekatsheko tseo.
Mo go tse dingwe Kgosi Bruce Khekhene wa Werda a re mola wa baikopedi mo motseng wa gagwe o moleele ka jalo o kopa gore ba kabo ditsha ba ba etele.
Fela jaaka dikgosi tse dingwe, le ene a re o tshwenngwa ke batho ba ba rekisang ditsha, ka ba busetsa ditlhabololo tsa motse kwa morago. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Tekodiso
Date : 26 Jun 2024