Mopalamente o lebogela tirisano mmogo
26 Jun 2024
Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephephe Rre Liakat Kablay o lebogetse tirisanyo mmogo e a nnileng nayo le morafe wa Sojwe.
Rre Kably o ntshitse malebo kwa phuthegong ya kgotla kwa Sojwe Seetebosigo a le masome a mabedi le botlhano.
A re jaanong Sojwe o neetswe kgaolo e ntsha ya Lentsweletau/Lephephe mme o tlaa bo a sena le bone mo ditlhophong tse di tlang ka Phalane.
A re morafe wa Sojwe o ne o mo file tlotla e kgolo ka go mo tshepha go nna morongwa wa bone kwa palamenteng mme o dumela gore tiro eo o e dirile ka bokgabane le bonokopila.
Rre Kablay a re le fa tse a neng a solofetse go di kgona di sa kgonega ka mabaka a tlhaelo ya madi le bophara jwa kgaolo, puso e ya go tswelela e ba thusa ka ditlamelo le ditlhabololo.
A re o hudugela kwa kgaolong e ntsha ya Letlhakeng morago ga gore komiti e e kgaoganyang melelwane ya dikgaolo tsa sepolotiki e dire dikgaolo tse di sha mme metse mengwe e hudiseditswe kwa dikgaolong tse dingwe.
A re seo se raya gore mengwe metse e e neng e le mo kgaolong ya gagwe e hilwe dikgaolo tse dingwe jaaka Sojwe, Shadishadi, Lephephe le Loologane.
Mopalamente o supile boitumelo ka tshepo e ba neng ba mo neela fa mme jaanong o ya kwa kgaolong ya Letlhakeng e a yang go mekamekana le mekaloba koo go emela ditlhopho tse di tlang.
O gakolotse banni go sa feleng pelo mo ditogamaanong tsa ditlhabololo ka jaana e le selo se se kgonang go tsaya sebaka mme puso e se kitla e ba swabisa.
O rotloeditse morafe go tsaya mananeo a puso mme ba a dirise go tokafatsa matshelo a bone.
A re mananeo a Temo Letlotlo le Thuo Letlotlo a diretswe bone, mme ba a dirise go lema le go rua ka lefatshe leno le itshwareletse ka temo le thuo.
Rre Kably a re lenaneo la Chema Chema le ka dirisiwa ke dikgwebo tse di potlana go tokafatsa matshelo a bone.
O ne a ba tsibosa ka melao e e fetesitsweng kwa palamenteng a re go botlhokwa gore ba e itse ka e ama matshelo a bone.
A re mengwe ya melao eo ke wa ba-na-le bogole o o yang go sireletsa ditshwanelo le go ba fa seriti.
Mopalamente a re ba-na-le bogole ba ntse ba beilwe ka fa mosing, mme jaanong molao oo, o ya go ba sireletsa ka e bile o na le ditsetlana tse di gagametseng go tseela ba ba ba nyatsang dikgato.
Fa a amogela baeng, Kgosi Thabologang Hube o ne a supa fa ba ne ba solofetswa gore kokelo ya bone e tlaa okelediwa nako go nna e e sa tswalweng mme seo ga se a diragala.
A re kokelo ya bone ga e na koloi, tlhaelo ya baoki e kwa godimo le morafe ga o thusiwe sentle.
Kgosi o supile selelo sa letlhoko la generatara e e ka ba thusang ka nako ya motlakase o kgaogile. A re gona le letlhoko la boroko jwa bodiredi mo motseng, bogolo jang mapodisi le barutabana, mme o kopa gore ba thusiwe ka go agelwa matlo a masha.
E rile a araba dilelo tsa bone, Mopalamente Kablay a supa fa maphata a la Botsogo le la Thuto a filwe madi a magolwane ka nako ya kabo ya madi a setšhaba gore batle ba atolose ditlamelo.
A re go ntse go na le letlhoko le lentsi mo dikokelong jaaka tlhaelo ya melemo le baoki mme a re madi ao a tlaa thusa go tokafatsa seemo seo.
O rile lephata la Thuto le na le kgwetlho e tona ya go shafatsa matlwana a borutelo mme madi a tlaa ba thusa fela thata.
Morafe o ne wa leboga mopalamente ka a ne a ba eteletse ka lorato e bile a ba buelela kwa palamenteng.
Mme Anna Sentlhaga o ne a supa fa mananeo a le bonya go tla kwa go bone ntswa a le molemo.
Mme Osenotse Kabukabu a re ba kopa gore Tautona Mokgweetsi Masisi a etele motse wa bone ka le bone ba mo tlhwaafalela mme ba eletsa go kopana le ene.
A re le bone ba batla diphoko le dipoo tsa ga Tautona ka a ise a tle mo kgaolong ya bone mme keletso ke go bona le bone ba le mo boitumelong joo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : SOJWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 26 Jun 2024