Breaking News

Ofisi ya sepodisi kwa Gumare ga e mo lenaneong la go atolosiwa

25 Jun 2024

Ofisi ya sepodisi ya Gumare e tlaa sekasekelwa go akarediwa mo lenaneong la ditlhabololo tsa setshaba, la bolesome le bobedi, (NDP 12). Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Thalita Monnakgotla o ne a tlhalosa jalo, fa a araba potso ya ga Kgosi Kebonyetsala Fish kwa kokoanong ya Ntlo Ya Dikgosi mo Gaborone ka Mosupologo.

Mothusa Tona a re ga gona lenaneo la go atolosa diofisi tsa Gumare ga mmogo le bodiredi ka lebaka la tlhaelo ya madi. 

O supile fa tlhaelo ya boroko jwa bodiredi ele kgwetlho e bile e kgoreletsa maikaelelo a go oketsa bodiredi kwa ofising ya sepodisi ya Gumare.

Kgosi Fish, o ne a botsa Tona wa Itshireletso gore ofisi ya sepodisi ya Gumare e tlaa atolosiwa leng go ya le seelo sa kgaolo le go oketsa bodiredi. Tona o ne a tswelela ka go tlhalosa fa letlhoko la mapodisi le tlaa rarabololwa fa mapodisi a a mo ikatisong a aloga monongwaga. O tlhalositse fa seemo sa boroko se tlaa laola seemo seo. Tona Monnakgotla o ne a araba boemong jwa tona wa itshireletso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gontle Merafhe

Location : GABORONE

Event : Mananeo

Date : 25 Jun 2024