Ba le 1 300 ba ikwadiseditse go tsena lebelo
25 Jun 2024
Mogokaganyi wa dipaakanyo tsa Sir Seretse Khama Commemoration Marathon Rre Bothelo Nthaga a re mo nakong eno go setse go ikwadisitse batho ba le 1 300 ba ba tla a tsayang karolo mo mabelong ao.
Rre Nthaga o tlhalositse se kwa Palapye kwa go neng go tshwerwe mabelo a sekgele sa 5km le 10km go tsibosa setshaba le go ipaakanyetsa mabelo a matona a segopotso sa ga Tautona wa pele Sir Seretse Khama a a tla a tshwarwang kwa Serowe ka Matlhatso.
A re mongwe le mongwe yo o ikwadiseditseng go tsaya karolo mo lebelong o tla a nna le sebaka sa go ka nna mofenyi wa poo ya tlhwatlhwa e e kwa godimo.
O ne a supa fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le bagolwane ba puso ba tlaabo ba le teng ka letsatsi la mabelo.
A re e tlaare ka di 28 ka nako ya boraro mo maitseboeng go nne le motshameko o motona wa kgwele ya dinao o o tla a tshwarelwang kwa lebaleng la metshameko la Serowe.
Ka jalo a rotloetsa setshaba go ya go bogela motshameko, a tlhalosa fa go tsenwa mahala.
Rre Nthaga o supile fa e tlaare kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boferabongwe mo mosong, batabogi ba bo ba simolola go mabelo a bone.
A re Tautona Masisi o tla a simolodisa lebelo le letona la 21.1km fa lebelo la 10km le tla a simololwa ke Mothusa Tautona Rre Slumber Tsogwane fa la 5km le tla a simolodisiwa ke Kgosi Serogola Seretse.
A re mabelo ao a tla a wela ka nako ya l0:30am.
A re e tlaare morago ga moo go tshwarwe maitiso a matona kwa letamong la Serowe, go na le ditlhopha tse di farologaneng tsa ngwao (cultural groups) di le masome a mabedi le bobedi le baopedi ka go farologana ba le lesome mme le gone jalo go tlaabo go tsenwa mahala.
O ne a rotloetsa ba ba ka tswang ba ise ba ithekele kapari ya letsatsi leo e akaretsa dikipa, dijacket, dihutshe go dira jalo.
Motshwarelela bogosi jwa GaMmangwato Kgosi Serogola Seretse o ne a kopa setshaba go rotloetsa mabelo ao a ba a supa fa maikaelelo a mabelo e le go tsholetsa serodumo sa Tautona wa pele Sir Seretse Khama, go mo gakologelwa le gone go ruta ba ba tlang kwa morago ba ba sa mo itseng.
Kgosi Martha Lebang wa Palapye o ne a leboga batabogi ba ba neng ba tla kwa letsatsing leo.
A re Tautona wa pele Sir Seretse Khama o tshwanelwa ke go itumelelwa le go tshegetsa serodumo sa gagwe ka a nnile le seabe se setona mo lefatsheng leno.
BOPA
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Ikwadisetso mabelo
Date : 25 Jun 2024