Breaking News

Lephata la thuto le tlhoma kgosi

25 Jun 2024

Lephata la thuto le tlhabololo dikitso le tlhomile ‘kgosi’ go thusa go rarabolola dikgang dingwe tse di sa tlhokeng go fetela kwa boeteledipele mme di ka bepisiwa ka puisano le tetlanyo mo ofising 

Mogopolo wa go tlhoma kgosi o tla morago ga go lemoga fa tsamaiso ya bogosi, e le botlhokwa mo go rarabololeng dikgang le go agisanya.

Kgosi Mokopi Gaolese go tswa mo lephateng la thuto o ne a tlhomiwa semmuso mo setilong kwa Tsabong bosheng.

  Mothusa kgosi kwa Tsabong, Kgosi Richard Toto o ne a kgothatsa Rre Gaolese go rarabolola dikgang tse di fatlhang mo lephateng, a tshwaraganye le boeteledipele.

Kgosi Toto o ne a mo kopa go nna boingotlo, boikokobetso le tlotlo mo go botlhe. 

Are bodiredi bo tlaa lelela mo go ene ka dikgang tse di farologanyeng, mme ene tiro ya gagwe ke go bopaganya ba ba nang le dipharologanyo go tlisa kagiso mo lephateng.

O ne a supa fa tiro ya gagwe gape e le go kgalemela tsotlhe tse di duleng mo tseleng, mme a supa fa go na le dikgosi tse dingwe mo motseng tse a ka ithutang mo go tsone.

Kgosi Toto o ne a leboga lephata la thuto, a re ke lephata le le tona ka jalo le tshwanelwa ke go nna le kgosi go laola le go gakolola bodiredi. O supile fa maphata a mangwe a gatetse pele ka go tlhoma dikgosi mo kgaolong ya Tsabong.

Fa a amogela batsena moletlo, mookamela lephata la thuto le tlhabololo dikitso mo Kgalagadi Mme Maipelo Kesenye o supile fa ba bone go le maleba go tlhoma kgosi mo lephateng go rotloetsa mowa wa neelano le popagano.

Mme Kesenye o ne a kopa maphata a a setseng a tlhomile dikgosi go goga le go gakolola kgosi yo o tlhomiwang, ka bone ba setse ba gatetse pele go mo thusa ka fa a tlaa tsamaisang ka teng.

O boletse fa lenaneo la ga Tautona la go fetola dikakanyo, maikutlo le boitshwaro le ruta go le gontsi go fetola ka fa dilo di dirwang ka teng a supa fa seo gape se tlaa ba solegela molemo ka jaana maphata a tlaa tlhabologa go ntsha maduo mo ditirong tsa bo ne tse di farologanyeng.

Fa a laya Rre Gaolese, Rre Tumelo Ditlhabi yo eleng kgosi kwa Water Utilities Corporation o mo gakolotse go tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo a sa tseye letlhakore. 

Are a tlhomamise go sala molao wa lephata morago fa a sekaseka dikgang ka nako tsotlhe ka e le one o tla mo kaelang tsela.

Fa a amogela thomo, Rre Gaolese o ne a tlhalosa fa a tlaa leka ka bojotlhe go tlisa tshwaragano le kagiso mo lephateng a dira le bathusi ba gagwe e leng Rre John Tlhabano le Mme Mmakgosi Mmereki, a supa fa molemo wa kgang e le go buiwa mme phelelong kagiso e nne teng.

Fa a leboga, moeteledipele mo lephateng la thuto kwa Hukuntsi Mme Kankane Sephiri o ne a supa fa go tlhoma kgosi e le selo se se botlhokwa mo lephateng la thuto.

Mme Sephiri o ne a supa fa dikgang ka bontsi di ne tsa kgonwa go rarabololwa mme ba tsweletse ka go nna le kagiso morago ga go tlhoma dikgosi kwa Kang mo lekalaneng la Life Long Learning Centre le kwa Brigade. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Go tlhoma Kgosi

Date : 25 Jun 2024