Breaking News

Badiragatsi ba godisa dikitso

24 Jun 2024

Kgaolo ya Mahalapye e ne e tshegeditse dikgaisano tsa bodiragatsi tsa National Arts Festival tse di mo ngwageng wa lesome le borataro di ntse di le teng.

Dikgaisano di ne di tshwerwe ka Matlhatso kwa Mahalapye ka setlhogo se se reng: Tlhabololo ya Itsholelo ka Dikgwebo tsa Botaki le Bodiragatsi.

 Dikgaisanyo di ne di akaretsa maboko, metlae, mogolokwane, setinkane, segaba le katara.

Chobe Arts Association go tswa Kasane e ne ya nna bafenyi ka maemo a ntlha mo go tsa botaki, mogolokwane ya nna Conny Leagajang wa Mochudi, Setinkane ya nna Moviri Motero wa Etsha 6, 

Segaba ke Ntsoane Ramontsho, fa mofenyi wa Katara e nnile Batlaadira Radipitse.

Mo go tsa Metlae Richard Kayoka wa Kasane o ne a nna mofenyi, fa Keakantse Keogotsitse wa Maun a ne a di goga kwa pele mo lebokong la sekgowa, mme la setso Kopano Tito wa Thamaga aba gaisa botlhe.

 Fa a bua kwa dikgaisanyong tseo, seopedi se se tumileng sa mmino wa Jazz 

Rre Socca Moruakgomo o rotloeditse badiragatsi go tsaya tiro ka tlhwaafalo ka gore bo ka nna kgwebo gape bo ka tlhama ditiro.

Fa a ba ema ka lefoko la kgothatso, 

Rre Moruakgomo o supile fa a simolotse go palama serala sa bodiragatsi a le dingwaga di le lesome le botlhano gone mo Mahalapye kwa dikgaisano tse dineng di tshwaretswe teng.

O ne a ba gakolola gore ba ikgaphe mo ditaging le diritibatsi a tlhalosa fa bodiragatsi le diritibatsi di sa tsamaelane.

A re bontsi jwa badiragatsi ba tsweletse ka go tshela sentle, a ba kgothatsa go tshwaraganela tiro ya bodiragatsi, a supa fa puso e nshitse mananeo a a rotloetsang le go thusa bodiragatsi jwa dikgaisanyo tse le a mangwe.

Mogolwane wa Lephata la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao Rre Master Johnson a re maikaelelo a dikgaisanyo ke go supa le go rotloetsa ngwao. 

Rre Johnson a re ba leka go tsholetsa badiragatsi go ba thusa go lemoga bokgoni le ditalente tsa bone. 

A re dikgaisanyo tse di fa badiratsi sebaka sa go gaisana mo go ba thusang go godisa kitso ya bone.

Modulasetilo wa khansele ya Mahalapye Rre Bantlhasetse Merementsi o rotloeditse badiratsi go tsaya malebela mo go ba moloba ba ba atlegileng e bile ba na le motlhala o o siameng. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MAHALAPYE

Event : Dikgaisano

Date : 24 Jun 2024