Breaking News

Manake o tlhatlhelela banni ka Thuo Letlotlo

24 Jun 2024

Mothusa tona wa papadi le madirelo, Mme Beauty Manake o rotloedtse banni ba Selebi Phikwe go inaakanya le lenaneo la Thuo Letlotlo go itlhabolola.

Mme Manake o buile se mo bokopanong jwa gagwe le banni ba kgaolo ya Thakadiawa ka Matlhatso kwa a neng a kopane le ba lephata la tlhabololo leruo le makalana a mangwe a a ikemetseng jaaka la LEA, CIPA le a mangwe go ruta ka Temo Letlotlo.

O tlhalositse fa lenaneo la Thuo Letlotlo le sa kgaphele ope kwa ntle ka maikaelelo magolo e le gore batho ba kgone go tlamela malwapa a bone. 

Mme Manake a re Batswana ba teng ba ba sa bolong go eletsa go rua ba se na letseno go ka reka leruo.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya tsadiso ya leruo kwa Selebi Phikwe, Rre Okae Setswalo o tlhalositse fa lenaneo la Thuo Letlotlo le tshwere go le gontsi mme go tswa mo moruing gore o eletsa go rua eng.

Rre Setswalo o tlhalositse fa maikaelelolo le maitlamo a Thuo Letlotlo e le go oketsa palo ya leruo le go tlhabolola boleng jwa lone go re le nne le dipoelo tse di kwa godimo. 

A re Batswana ba tswa kgakala ba rua, mme Thuo Letlotlo e ya go tlhabololo ka fa go ntseng go ruiwa ka teng go ya ka melawana e e tlaabong e dirisiwa.

O tlhalositse fa seelo sa madi a motho a ka thusiwang ka sone se beilwe mme go sa reye gore motho o tshwanetse go ikaletsa mme moikopedi o ka tsaya a a lekaneng go bula kgwebo e ene a bonang a ka kgona go e tshegetsa le go e godisa.

Rre Setswalo o tlhalositse fa Thuo Letlotlo e kgatlhegetswe ke Batswana ba le bantsi mme puso e itlamile go dira ka gotlhe go tlhomamisa gore ba a thusiwa. 

O tlhalositse fa bomaitseanape ba dirile ka bojotlhe go ntsha dikgoreletse tsotlhe tse di ka dirang gore batho ba kgobege marapo go ka tsaya lenaneo la Thuo Letlotlo.

Fa itebaganya le bomme, banana, ba na-le-bogole le ba ba nnang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo Rre Setswalo o ba rotloeditse go inaakanya le thuo ya lesika la dinonyane ka le le motlhofo go ka lerua.

Mogolwane go tswa kwa Botswana Bereau of Standards, Rre Peter Mpete o tlhalositse fa itsholelo ya lefatshe e laolwa ke gore a boeteledipele jwa lone bona le kgatlhego ya go e godisa le gore morafe o eletsa go bona e fetoga.

Rre Mpete o tlhalositse fa mafatshe a Aferika a le mo thulaganyong ya go fokotsa madi a ba a dirisang go reka dilwana kwa mafatsheng a mangwe mme ba simolole go itirela. 

A re ka o ne mananeo a, puso e simolotse go tsaya itsholelo e e neela Batswana gore ba kgone go e tsamaisa le go e godisa gore ba kgone go itlhamela ditiro.

Rre Mpete o kgothaditse morafe go tswa mo segologolong se ba ntseng ba rua fela go sa ba sologele molemo mme ba ruele kgwebo. 

O tlhalositse fa Thuo Letlotlo e na le melawana e e le tsamaisang go itsa gore batho ba ba fiwang madi ba seka ba ya go a dirisa ditiro di sele. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Thuto seka dipuisanyo

Date : 24 Jun 2024