Breaking News

Tokafatsang botsogo - Reatile

24 Jun 2024

 Mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng/Mabutsane, Rre Mephato Reatile o rotloeditse banni ba metse ya Mahotshwane le Sekoma, ba ba mo lenaneong la diritibatsi tsa mogare wa HIV, go di tsaya sentle go tokafatsa botsogo jwa bone le gone go hema dintsho.

O ntshitse kgothatso eo kwa diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng eo bosheng, kwa a neng a ba tlhalosetsa fa dintsho dingwe di ka kganelwa ka go sala ditaelo tsa ba bongaka morago.

O boletse fa go tlhoka go nwa diritibatsi sentle go apesitse puso kobo ka letshoba, bogolo jang mo bananeng. 

A re puso e ntshitse ditsompelo go netefatsa gore Batswana ba babalesegile kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mme a re go ngomola pelo gore batho bangwe ba bo ba sa dirise dithuso tseo. 

O ba rotloeditse gore ba kgothadiwe ke balwetse ba bangwe ba malwetse a a sa tshelanweng a tshwana le jwa sukiri baa tlhalositseng ba le tlhaga le go tsaya kalafi ya bone, le ntswa ba na le dikgwetlho.

Mo godimo ga moo, Rre Reatile o ba kopile gore ba tshwaraganele ntwa kgatlhanong le HIV/AIDS ka go buisanya le masika le ditsala ba ba ka ba rotloetsang go tsaya diritibatsi ka fa tshwanelong. A re go dira jalo go ka nonotsha boikarabelo jwa bone jwa go sala ditaelo morago le gone go thibela dintsho tse di sa tlhokafaleng.

E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba motse wa Mahotshwane ba supa ngongorego ka go diega ga tsamaiso ya diritibatsi kwa kokelwaneng ya bone, e ba reng e bakwa ke tlhaelo ya bodiredi. Mme Mmahela Melaetsa o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore go nne le ngaka e e itebagantseng le balwetse bao fela go itsa gore batho ba tlhole letsatsi lotlhe ba emetse thuso.

Kwa Sekoma gone ba ne ba kopa gore go dirwe lefelo le go bewang diritibatsi teng gore di kgone go tsewa sentle. 

Rre Kgathatso Thupe o tlhalositse fa kgang ya go tsaya diritibatsi sentle gape e thatahalediwa pele ke gore melemo ka bontsi e a tlhaela kwa motseng wa bone. 

Ka jalo o ne a kopa gore puso e tsibogele seemo seo, go akaretsa le gone go atumetsa batho diritibatsi. Mo dikgannyeng tse dingwe, banni ba Sekoma ba ne ba kopa gore ba agelwe kokelo e kgolwane e e tlaa itepatepanyang le kgolo ya motse le ditirelo tse di tlhokegang, go na le gore ba di latele kwa metseng e mengwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : SEKOMA

Event : Phuthego

Date : 24 Jun 2024