Breaking News

Banni ba rotloediwa go ntsha leruo mo toropong

23 Jun 2024

Banni ba kgaolo ya Itekeng mo Selebi Phikwe ba rotloeditswe go ntsha leruo mo toropong go le isa kwa merakeng kwa go nang le mahudiso teng.

Se se tla morago ga gore khansele ya Selebi Phikwe e itemogele leruo le le ntsi fa gare ga toropo mo le felelang le dira tshenyo mo malwapeng le go leswefatsa tikologo.

Se se builwe ke mogolwane mo ofising ya melawana ya khansele Rre Moses Mogwana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba Rre Kgoberego Nkawana.

Rre Mogwana o tlhalositse fa leruo le akaretsa dikgomo, dipudi le ditonki di tshwanetse go disetswa kwa merakeng mme ba tshwenngwa ke gore go santse go na le batho ba ba disetsang mo toropong.

O ne a tlhalosa fa go saila ga leruo go dira gore toropo e seka ya lebega sentle mo go ka dirang gore bagwebi le bajanala ba seka ba kgatlhegela go tla go gweba mo toropong ya Selebi Phikwe.

Go ya ka Rre Mogwana, motsamao wa leruo fa gare ga toropo go borai le mo matshelong a batho ka go ka baka dikotsi tse di ka gapang matshelo a batho.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa leruo le le hulelang mo toropong le felela le eja leswe le go nwa metsi a a kgotlelesegileng mo go ka amang boleng jwa nama ya lone. Rre Mogwana o ne a tlhalosa fa melawana ya khansele e fetogile mme dikotlhao tsa leruo le le sa tlhokomelweng di tsholetsegile se e le go gagamaletsa ba ba sa saleng molao morago.

O ne a tlhalosa fa kotlhao ya leruo le le fitlhelwang mo gare ga toropo e le P2 000.

A re molao wa thuo ya dikoko mo malwapeng o letla gore di nne masome a matlhano fela mme ga go ka fitlhelwa motho a tlodile molao o ka atlholwa madi a a kana ka makgolo a matlhano a dipula.

E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele ya Selebi Phikwe Rre Lawrence Mokotedi o ne a rotloetsa morafe go tsena diphuthego ka e le gone kwa merero ya ditlhabololo e dirwang teng.

Rre Mokotedi o ne a tsibogela mafoko a ga modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo Mme Oolekae Matjologwe yo e neng e rile go le pele a tlhalosa fa ba tlhoka gore ditsela tsa mo gare ga metse di alwe ditena go fokotsa lerole mo malwapeng a bone.

O ne a tlhalosa fa ditlhabololo tsa kgaolo di tlhoka gore morafe o di tshwaraganele le khansele ka e le bone ba tlhaloganyang se ba se batlang.

Rre Mokotedi o ne a tlhalosa fa boeteledipele jwa toropo ya Selebi Phikwe bo tsere tshwetso ya gore ditiro tsa lenaneo la madi a ditlhabololo a bopalamente le kgaoganngwe ka dikgaolo gore bangwe le bangwe ba le akole.

O tlhalositse fa e tlaare mo ditirong tse di tlang, ba kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba ba abelwe ditiro tsa kgaolo ya bone mme go diragale jalo le kwa go ya Selebi Phikwe Bophirima.

Rre Nkawana o ne a lekodisa morafe ka melao kakanyetso ya go baakanngwa ga molao motheo.

O ne a ba sedimosetsa fa ikopelo ya lenaneo la Chema Chema e santse e tsweletse mme a kgothatsa ba ba iseng ba dire ikopelo go dira jalo gore ba kgone go ipulela dikgwebo go fokotsa manokonoko a lehuma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Jun 2024