Breaking News

Kgosi Rancholo o kaiwa e le morata-kagiso

23 Jun 2024

Kgosi Rebagamang Rancholo wa Nata o kailwe fa e ne e le motho yo o neng a rata go bopaganya morafe wa gagwe.

Fa ba bua kwa tirelong ya phitlho yaga Kgosi Rancholo kwa Nata ka Matlhatso, batsalwa le ene, bana, ga mmogo le badiri ka ene ba mo supile fa e ne e le motho a itse go betla mafoko fa a buisa batho. O tlhokafetse a le dingwaga di le masome a supa (70).

Kgosi Tapson Madikwe wa Tutume o boletse fa a ne ana le ene letsatsi pele ga a tlhokafala.

O tlhalositse fa a amegile fela thata ka gore letsatsi le ba neng ba le mmogo a ne a sa supe bokoa bope ka jalo a re go tlhokafala ga gagwe go mo gakgamaditse.

A re le ntswa tseo tsotlhe e le ditiro tsa Modimo, o ipela ka gore Kgosi Rancholo, yo a neng ele mogolwane wa gagwe mo tirong ya bone ya bogosi, o mo rutile maele le tsamaiso ya go tshwaraganya morafe.

Kgosi Madikwe a re o ne a solofetse gore ka kgaolo ya bone e tlhatlositswe maemo, ene le Kgosi Rancholo ba ne ba ya go dira mmogo go kopanya le go godisa kgaolo ya bone.

Kgaitsadie moswi, Mme Kelewetse Joel o tlhalositse fa ba tlholega kwa motseng wa Serowe kwa ba tshotsweng ba bo ba golela teng.

A re kgaitsadie e ne e le motho yoo neng a itse go dirisa mafoko a puo sentle a re le fa batho ba ne ba sa utlwana ka puo, one a kgona go ba tshereganya mme go nne le kagiso.

Mme Joel a re mogolowe e ne e le moeteledipele wa tlhwatlhwa a tsaya batho ka tekatekanyo go sa kgathalesege gore ba farologanye ka ditso kwa ba tswang teng.

Ngwana wa gagwe Rre Mompati Seitiso a re e re ntswa ka palo ba le lesome le boferabobedi, rraabone o ne a ba fa lorato ka tekatekano.

A re ngwaga le ngwaga ka malatsi a botsalo jwa Morena o ne a ba kgobokanya botlhe a re go botlhokwa gore ba nne ba kopana ba ipela mmogo ka seo se tiisa lelwapa la bone le go ba fa seriti.

Rre Seitiso a re ka nako tsotlhe, o ne a nna a mo kaela botlhokwa jwa go direla motse wa bone. Fa a tswa la gagwe, Mothusa tona mo ofising ya ga Tautona Mme Boitumelo Gofhamodimoo boletse fa Kgosi Rancholo e ne e le leloko la ntlo ya dikgosi a re ga mmogo le dikgosi tse dingwe, ba na le seabe se segolo mo tsamaisong puso ya batho ka batho.

A re gore a bo a tlhophilwe go ya go emela kgaolo ya Tutume e ne e le ka go bona bokgoni jwa gagwe ka fa a neng a dira ka teng mo kgaolong.

Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae Mme Talita Monnakgotla o supile fa Kgosi a tsentswe mo setilong sa bogosi ka ngwaga wa 2007 mme a nna a tlhatlosiwa maemo go fitlhela a tlhokafala e le motshwarelela Kgosi yo mogolwane.

E ne  e le leloko la ntlo ya dikgosi go simolola ngwaga wa 2019. Kgosi Rancholo o tlogela mosadi, mogolowe wa mme le bo monnawe ba le batlhano le bana ba le 18 le bana ba bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga

Location : NATA

Event : Tirelo ya Phitlho

Date : 23 Jun 2024