Barulaganyi ba lebelo ba itsolopantse
23 Jun 2024
Motshwarelela bogosi ja ga GaMmangwato, Kgosi Serogola Seretse o tlhalositse fa dipaakanyo tsa lebelo le eleng la ntlha mo ditsong la go gopola tautona wa ntlha wa Botswana, Sir Seretse Khama le go ipelela matsalo a gagwe, di tsweletse sentle.
Fa a lekodisa morafe ka Labone, Kgosi Serogola o supile fa batsaya-karolo ka go farologana ba le mo dipaakanyong go netefatsa fa tsotlhe tse ba di rulagantseng di tsamaya sentle.
A re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o solofetswe go tla go simolodisa lebelo leo, le le tlaa tshwarwang kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabongwe mo Serowe.
Kgosi Serogola o tlhalositse fa puso e ba eme nokeng ka botswapelo gore ba atege mo go tsotlhe tse ba di rulagantseng.
A re mabelo ao, a dikgele tsa 5km, 10km le 21km a tlabo a tsenelelwa ke botlhe ba ba ikwadisitseng, go balelwa ba-na-le-bogole le bagodi.
Mofenyi mo lebelong la 21km o tlaa ikgapela P20 000.
Kgosi Serogola o rotloeditse beng ba dikgwebo go itsolopanya, gore ba tle ba bone letseno.
O boletse fa moono ele gore lebelo la mohuta o, le tshwarwe ngwaga le ngwaga ele go gakologelwa Sir Seretse Khama, le ditiro tsotlhe tse dintle, tse a di diretseng lefatshe la Botswana.
A re keletso ya gagwe ke go shafatsa le go tlhabolola mabitla mangwe a masole a a tlhokafaletseng mo Serowe bogologolo ka go kwala maina a bone go somarela ditso.
Kgosi Serogola o supile fa keletso gape ele go dira sefikantswe se se tona kwa motse o simologang teng.
Mogokaganyi mo dipaakanyong tsa Sir Seretse Khama Commemoration Marathon, Rre Botshelo Nthaga o kaile fa ba solofetse baemedi ba mafatshe go tla go tla go ba ema nokeng.
Are ditiro tse di rulagantsweng ntle le lebelo, di akaretsa moletlo wa ngwao mo maitseboeng ka Matlhatso.
A re ka Labotlhano go tlaa nna le puisano e e haphegileng (Public lecture) ka botshelo jwa ga Sir Seretse Khama, e rolwa ke Mothusa tona mo ofising ya ga Tautona Mme Boitumelo Gofhamodimo.
O tlhalositse fa go dirilwe dithulaganyo tsa gore morafe o tseye ditiragalo ka tlhamalalo a supa jalo, fa bangwe ba tla reetsa ba le kwa kgotleng, bangwe ba tla mo reetsa ba le kwa mmolong wa Boiteko le mmolo o mogologolo ba lebile mo segwaneng sa ditshwantsho sa BTV.
Rre Nthaga a re go rulagantswe motshameko wa kgwele ya dinao ka ditlhopha tse di tona go keteka letsatsi leo.
O boletse fa gotla nna le mabelo a dikuta, dipitse le masole ka dipharasutu mo lefaufaung.
Morafe o ne wa solofetsa Kgosi Serogolsa fa ba tlaa mo ema nokeng ka botswapelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jun 2024