BSE e rotloetsa dikhamphani tsa meepo go ikwadisa
17 Jun 2024
Dikhamphani tsa meepo di rotloeditswe go dirisa methale e e farologanyeng go ikwadisa mo mmarakeng wa diabe wa Botswana Stock Exchange (BSE) e le tsela ya go kgobokanya madi mo setshabeng go atolosa ditirelo le go di godisa.
Moeteledipele wa BSE, Rre Kopano Bolokwe o buile se kwa thuto-seka dipuisanyo ya The Future of Mining Summit e e neng e tshwaretswe mo Gaborone bosheng.
A re dikhamphani ka bontsi di remeletse thata mo go rekiseng diabe go ikgobokanyetsa madi, le ntswa go na le mothale o mongwe o e leng sekoloto sa sebaka se seleele o o bidiwang bond.
Rre Bolokwe a re di bond di ka dirisiwa go kgobokanya madi a selekanyo se se kwa godimo fela jaaka diabe.
O tlhalositse fa khamphani e ka simolola ka go kwadisa thulaganyo ya bone ya kadimo ka di bond mo BSE, e le selekanyo sa P500 million kana P2 billion ka tshoboko, kgotsa seelo sepe fela se ba se ipeetseng, mme e re morago ga go e kwadisa ba nne ba adime ka dinako tse di farologaneng go fitlhela ba kgoma selekanyo sa thulaganyo ya bone ya kadimo.
O tlhalositse fa madi e le konokono mo tsamaisong le mo kgolong ya khamphani nngwe le nngwe.
A re mmaraka wa diabe wa BSE o fa dikhamphani tsa selekanyo sepe fela sebaka sa go ngoka babeeletsi, go kgobokanya madi go simolola kanoko ya ditswammung, le gone go aga meepo le go tlhama ditsela tsa go rekisa ditswa mmung.
O tsibositse fa dipeeletso mo dikhamphaning tsa meepo di na le di bodiphatsa fela jaaka dipeeletso dingwe le dingwe, mme bodiphatsa jo bo tokafala fa khamphani e ntse e gola e tsena mo seemong sa go rekisa se e se epang, selo se se thusang babeeletsi go bona dipoelo ka kgolo ya seabe le morokotso.
Rre Bolokwe o tlhalositse fa mmaraka wa diabe wa BSE o na le melawana e ka yone e sekasekang dikhamphani fa di tsisa ikopelo ya go ikwadisa, mme ebile ele melawana e khamphani e tshwanetseng go e sala morago fa ele leloko la BSE.
A re melawana e thusa go phatlalatsa dikitsiso go tswa kwa dikhamphaning go ya kwa babeeletsing, thusa go tsamaisa madi a dikhamphani ka tsela ee sa beeng babeeletsi ka fo mosing le gone go hema ka bojotlhe go sa tshwareng sentle meamuso ya khamphani.
Mengwe ya melawana e itebagantse le botsamaisi jwa khamphani go rurifatsa gore e tsamaisiwa ke bogogi jwa seemo le serodumo se se letlelesegang. Rre Bolokwe o kopile puso go tswelela a rotloetsa dikhamphani tsa meepo tsa mafatshe fatshe go ikwadisa mo BSE ele tsela ya go fa Batswana tshono go beeletsa mo go tsone, le gone go anywa meamuso ya lefatshe leno ya ditswammung ka tlhamalalo.
A re mmaraka wa diabe ke mothale o o bulegileng o mongwe le mongwe a ka tsayang karolo mo go one, e bile a sa tlhokane le madimadi ka jaana tlhwathwa ya seabe e kgona go nna masome a matlhano a dithebe, go ya kwa godimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Marvin Motlhabane
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 17 Jun 2024