Spiritual Healing e bula kago ya kereke kwa Kasane
17 Jun 2024
Kereke ya Spiritual Healing e butse kago ya kereke ya kgaolo ya Kasane e lopileng P342 000.
E rile a bua kwa pulong semmuso ya kago eo kwa Kazungula ka Matlhatso Mothusa Mookamedi wa kereke eo, Bishop Moutlwatsi Kokoro o tlhalositse fa kereke e le botlhokwa mo botshelong ka e ruta e bile e rotloetsa boitshwaro jo bo agang motho le sechaba ka kakaretso.
O supile fa kereke ya Spiritual Healing e tlhomilwe ka ngwaga wa 1953 kwa Matsiloje mme mo nakong ya gompieno e ikadile lefatshe ka bophara ka e na le makalana a le masome matlhano le borataro.
A re kereke e amogela Batswana botlhe. “Re le kereke re butse dikgoro gore Motswana mongwe le mongwe a e dirise ka mo go lebaneng e bile go ikwadisetswa ditlhopho le go tlhophela mo dikagong tsa dikereke tsa rona lefatshe ka bophara.”
O opetse legofi phuthego ya Kasane go bo ba kgonne go aga kereke e tona ya maemo a a kwa godimo lentswa dipalo tsa bone di le kwa tlase, a tlatsa ka gore se ba se kgonne ka mowa wa boithaopo.
E rile a bala molaetsa wa Mookamedi wa kereke eo, Moruti Joseph Motswasele mo boseong jwa gagwe, Bishop Kokoro a re kago ya kereke e tlhomamisa maitlamo a go eteletsa bogosi jwa Modimo gore batho ba bone poloko.
O kopile phuthego ya Kasane go tlotla ntlo ya Modimo ka go e tlhokomela le dithoto tsotlhe tsa kereke gore di bolokelwe mo kerekeng eseng kwa malwapeng.
Molaetsa o tsweletse ka go rotloetsa maloko a kereke go tlhomamisa gore madi a a tsenang ka kgoro ya kereke a nne le motlhala o o tsepameng se e le go netefatsa gore kereke ga e nne boremelelo jwa borukutlhi jwa go tlhatswa madi.
E rile a tswa la gagwe motshwara kgaolo ya Kasane, Moefangedi Benjamin Mmualefe a tlhalosa fa kereke e simolotswe ke badiri ba maphata a a farologaneng ka ngwaga wa 2009 morago ga go lemoga fa kereke e seo mo Chobe ka jalo ba kopa bonno kwa kgwebong ya Nkanga Hotel.
O tlhalositse fa ba ne ba tsenya kopo ya setsha sa kereke mme ba se abelwa ka 2010 kwa Flowertown mo Kazungula kwa ba neng ba simolola go aga ntlo ya letlhaka go nama ba tsenela mo teng ba santse ba kokoanya madi.
Moefangedi Mmualefe o supile fa a tlhomilwe go etelela phuthego ya Kasane ka ngwaga wa 2022 ka jalo ba kgonne go fitlhelela ditoro tsa go aga kereke ka ntlha ya lorato la Modimo.
Mothusa Kgosi wa motse wa Parakarungu, Kgosi Richwell Nkonkwena o opetse legofi phuthego ya Kasane go bo ba supile gore boithaopo ke selo se se botlhokwa ka go aga kereke.
O supile fa ene le ba lelwapa la gagwe ba ne ba fa phuthego ya Kasane bonno kwa madirelong a bone ka 2009 morago ga go lemoga fa ba nyoretswe go kopana le go ruta lefoko la Modimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : Kazungula
Event : Pulo Semmuso
Date : 17 Jun 2024