Soul Redeemers e gapa sekgele sa kgaisanyo ya Clap and Tap
16 Jun 2024
Setlhopha sa Soul Redeemers go tswa Gaborone, se tsere sekgele mo dikgaisanyong tsa bodiragatsi tsa Clap and Tap tse di neng di tshwerwe ka Matlhatso kwa Letlhakeng.
Setlhopha seo se se neng se gaisanya le ditlhopha di le borobabongwe, se ne sa ikgapela sekgele ka 84 per cent, se longwa serota ke sa Dineo tsa Tumelo le sone se tswa Gaborone ka 82 per cent fa sa Voices of Joy go tswa Kanye se ne sa gapa maemo a boraro ka 81 per cent.
Mogolwane wa mokgatlho wa Clap and Tap Rre Tiisetso Masasa o supile fa moopelo oo o bonwa thata mo dikererekeng tsa Apostle mme le dikereke tse dingwe di a o opela.
Rre Masasa o tlhalositse fa go na le ditlhopha tse dingwe fela tse e seng tsa dikereke tse di opelang moopelo oo.
A re ba kwadisitse mokgatlho oo ka ngwaga wa 2015, a supa fa ba na le botsalano le dikhwaere tsa Aferika Borwa le Lesotho.
O tlhalositse fa ba solofela fa dipalo di tlaa oketsega ngwaga oo tlang ka jaana kgaisano e ke gone e simologang.
O supile fa moopelo o, o thusitse ka go ntsha banana mo mekgwatheng mme ba ba ngoka ka moopelo.
Rre Masasa o ne a tlhalosa gore fa moopelo o, o ka tswelela o nna teng kwa Letlhakeng, o ka thusa go ntsha banana mo dinotaging mme ba kgona go itirela letseno ka moopelo.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya National Arts Council of Botswana Rre Puseletso Reetsang o supile fa tiro ya bone e le go somarela ditlhamo tsa badiragatsi, le go ba buelela go thusa gore bodiragatsi bo gole.
Rre Reetsang o tlhalositse fa ba batla gore badiragatsi ba ikemele ka dinao ba sa beye mo pusong, a supa fa itsholelo e tswa mo bodiragatsing.
A re ba ikaelela go ikagela mafelo a bone a bodiragatsi gore ba seka ba tshwenya bana ba dikole ka go tshwarela ditiro mo dikoleng.
Rre Reetsang o tlhalositse gore ba batla go ikopanya le bangwe ba ba maleba ba ba ikemetseng gore ba ba thuse go tsamaisa bodiragatsi.
O tlhalositse fa go na le Art and Culture grant gore badiragatsi ba ikopele madi go ya go dira ditlhamo tsa bone.
O supile fa madi a Mobility Grant e le madi a a ka ba thusang go ya kwa ba laleditsweng teng jaaka kwa lefatsheng la Afrika Borwa kwa gangwe le gape ba lalediwang teng.
Mongwe wa baatlhodi ba tiro eo Rre Lazarus Gadiinewe o supile fa ba ne ba lebile gore a baopedi ba tlhophile pina e e opelegang, ba dirisa didirisiwa dife tse ba di tshotseng kwa moopelong kana ke mokgabisa fela, le gore batho ba ba di tshotseng ba ntse fa ba bonalang teng.
Moatlhodi o supile fa gape baopedi ba tshwanetse go supa se pina e se buang le gone go lekalekanya mantswe.
Rre Gadiinewe o tlhalositse gore ba tshwanetse go supa fa pina e fetola modumo, ba dirise bonno jo ba binelang mo go jone, dipina tsa bone di gogele babogedi le gone gore dipina tsa bone di tsamaelane le gone gore di laolesege. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Dikgaisanyo
Date : 16 Jun 2024