Breaking News

Mothusa tona o akgola dikole go dira bontle

16 Jun 2024

Mothusa Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Rre Aubrey Lesaso o akgotse dikole tse di potlana tsa Nthomphe, Tamocha le Leetile go bo di dirile sentle  ka go tokafatsa maduo a tsone ngogola.

Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng sa Nthomphe kwa Mahalapye ka Labotlhano, Rre Lesaso o boletse fa dikole tseo di dule kwa tlase ga sekale sa sephato mo lekgolong (50 per cent) mme tsa kgaratlhela go feta.

Sekole sa Nthomphe se dirile 63.1 per cent, fa sa Tamocha se dirile 84.4 per cent mme sa Leetile sa bona 80.7 per cent. 

Bana ba dikole ba ba gaisitseng ba ne ba ikgapela sekete sa dipula mongwe le mongwe wa bone le di laptop fa barutabana ba ba dirileng sentle ba atswitswe ka P1 500 mongwe le mongwe wa bone.

Rre Lesaso o rotloeditse batsadi go ema bana nokeng ka jaana barutabana ba dira le go lekola thuto ya bone go tlhomamisa gore ba mo tseleng ee siameng ka nako tsotlhe.

O boletse fa thuto e simolola kwa malwapeng mme e jwelelela kwa barutabaneng.

Mopalamente wa Mahalapye-Bophirima Rre David Tshere o boletse fa a ne a ngomolwa pelo ke maduo a sekole sa Nthomphe mme ga mo gwetlha gore a rerise ba lwapa la gagwe ba ititeye ka thupana go ka thusa dikole mo kgaolong ya gagwe.

A re o dirisitse madi a kanang ka P70 000 go thusa gore moletlo wa kabo dimpho o atlege.

O kaile fa ele maikaelelo a gagwe go thusa go ya pele fa a ka atlega mo ditlhophong tse di tlang.

A re sekole sa Nthomphe se ne se na le botlhokatsebe jo bontsi e bile batsadi ba sa kgathale ka thuto ya bana mme a ba itshokela ka botswapelo.

Fa a latlhela la gagwe, mogokgo wa sekole sa Nthomphe Rre Collen Moleele o boletse fa sekole seo se simolotse ka ngwaga wa 1995, se biditswe ka leina la kgosi ya kgotla ya Tshikinyega kwa Mahalapye e e bidiwang Kgosi Nthompe Koma.

Se na le baithuti ba le 583 le matlwana a borutelo a a sa lekanang ka gore bana bangwe ba rutelwa kwa ntle.

O kaile fa bodiredi bo lekane le fa ba tlhaelelwa ke ditsompelo dingwe, mme jalo o akgotse mopalamente wa kgaolo go ba ema nokeng ngwaga le ngwaga ka kabo dimpho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Mahalapye

Event : Kabo dimpho

Date : 16 Jun 2024