Ba kopa bogosi go wetsa kgang
29 May 2024
Banni bangwe ba kgotla ya Thito ya Mokodi bophirima kwa Maun ba re kgang ya bogosi jwa kgaolo ya bone e ka rarabololwa fela ka go latedisa ditso tsa jone.
Ba buile jalo bosheng kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke moemela kgosi kwa Shorobe Kgosi Tlotlang Dingalo yo o neng a romilwe mmogo le Kgosi Oateng Setlhodi go lekodisanya le banni gore bone ba itse bogosi bo lebagane lelwapa lefe.
E ne e rile go le pele a rola kgang, Kgosi Dingalo a tlhalosa fa bokopano joo bo tshwerwe morago ga gore boora Masedi ba kwalele kwa kgotleng kgolo ka 2018 ba kopa gore ba busediwe setilo sa bogosi jwa Thito ya Mokodi ka jaana rraabone e bong Rre Otukile Masedi yo o seyong mo botshelong a ne a kopa kgosi Rogers Marumo gore a mo tshwarelele ka ntlha ya bokoa.
E re ka go sena mekwalo ya bosupi, a re Kgosi Tawana Moremi o ne a bona go tshwanela gore a ba rome go tla go utlwa gore morafe o ne o tlhaloganya jang ka bogosi jwa kgotla ya bone.
Le fa go ntse jalo, dikgang di ne tsa nna matsorotsoro ka jaana dibui ka go farologana ba ne ba tlhalosa ka ditso tsa kgaolo, bangwe ba supa fa kgotla e agilwe ke bo kgosi o o teng ebong Kgosi Marumo fa bangwe ba re tharabololo ya kgang e mo bogosing jo bo tona jwa Goo-Tawana ka jaana ba itse ditso mme bangwe bone ba supa fa bogosi bo ka bo bo biditse malwapa a a amegang pele ba ka tla ko morafeng.
Malwapa a a amegang a ne a fiwa sebaka sa go ipobola mme wa ntlha go tsaya serala ya nna morwadie moswi Rre Masedi ebong Mme Dikgobo Kainaba yo tlhalositseng fa e ne ya re ka ngwaga1982, rraagwe a ne a kopa Kgosi Marumo go mo tshwarelela setilo ka jaana a le boka.
O tsweleletse a re ka 1985, rraagwe o ne a tlhokafala mme bone ba tlhaloganya gore ka a seo bogosi ke jwa bana ka jalo ke ka moo ba kopang neelano.
Kgaitsadie, Rre Aron Masedi le ene o ne a iteela mafoko ao kobo moroko a supa fa e le boammaruri ba kwaletse Kgosi Tawana ba kopa bogosi jwa bone. Fela jaaka dibui dingwe o ne a supa fa ba bogosi ba ka bo ba ba biditse bone le boora Marumo go tla go utlwa matlhakore oo mabedi pele ba ka tla ko morafeng.
O supile fa bone ba sa seke bogosi mme ba kopa se e leng sa bone. Kgosi Marumo yo o nang le dingwa ga di le masome a mane le bongwe e ntse e le kgosi ene o supile fa moswi Rre Masedi e ne e le molebeledi wa lefatshe mo kgaolong mme e le la ntlha a utlwa fa e ne e le kgosi.
A re ka ntlha ya bokoa, Rre Masedi o ne a kopa gore go tlhophiwe mongwe go mo tswa letsogo mme ga tlhophiwa ene a tlatsa ka gore ka nako eo go ne go sena kgotla le fa e le komiti ya ditlhabololo tsa motse.
O tsweletse a re morafe o ne wa itela kwa kgotleng e tona gore ga ba kgone go tsamaisa merero ya kgaolo ka jaana ba sena kgosi mme ga tshwara ditlhopho tse a neng a eme le bangwe ba babedi mme a fenya a tlhongwa kgosi ya Thito ya Mokodi ka 1985 ke Kgosi Charles Letsholathebe yo o tlogetseng tiro ka bogodi.
Kgosi Marumo a re o ne a dira tiro ya bogosi ka boithaopo dingwaga di le tlhano a sa duelwe mme ya re ka 1989, puso ya tsaya tshwetso ya gore botlhe ba ba ntseng ba ithaopile ba duelwe.
“Ke na le dingwaga di le 41 ke le kgosi ke tlhophilwe ke morafe jaanong ke gakgamadiwa ke go utlwa fa ke tshwareletse boora Masedi. Ga ke na maikaelelo a go ganelela mo setilong, fa ba kgotla e tona ba re ke fologe nka suta ka jaana e le bone ba ntlhomileng semmuso,” a tlatsa jalo.
O kaile fa konteraka ya gagwe e fela mo dingwageng tse tharo a re gore a e ya okediwa kana go neelwa mongwe ke tshwetso e e tla tsewang ke ba bogosi jwa Goo-Tawana.
Mongwe yo o itseng ditso tsa kgaolo, Rre Goitseone Saudi o ne a supa fa kgaolo ya Thito ya Mokodi e le ya bo rrragwe ka jaaana e le bone ba ntlha go thibelela foo a tlatsa ka gore Boo-Masedi le Boora Marumo ke ditlogolo tsa goora Saudi. A re ke bone ba ba ka bong ba re setilo ke sa bone fa ba ne ba batla bogosi.
Mogolo wa kgaolo, Rre Gaarongwe Molaletsi o ne a supa fa ene a thibiletse mo kgaolong a fitlhela Rre Masedi e le moelebeledi wa lefatshe ka jaana a ne a mo abela setsha a tlatsa ka gore go ne go sena kgotla ka nako eo le fa e le komiti ya motse mme ba ne ba tlhopa Kgosi Marumo go ba etelela pele ke ka moo a leng mo setilong sa bogosi.
Rre Baabedi Modisaemang o ne a paka fa moswi Rre Masedi e ne e le molebeledi wa lefatshe e bile e le kgosana ka bo 1970 mme a botsa gore a go tlhophiwa ga kgosi yo o teng go bolaya yo o neng a ntse a le teng.
Mme Betty Serome yo le ene eleng monni o ne a kopa gore kgang eo e buisangwe ka matsetseleko a supa fa dikgang tsa bogosi di le masisi mme di batla go buiwa ka mewa e e edileng ka di kgona go kgaoganya banni.A re ba ba amegang ba seka ba letla kgang eo go ba kgaoganya ka jaana e le masika.
E ne ya re a garela dikgang, Kgosi Dingalo a supa fa tshwetso e tla tsewa ke Kgosi Tawana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : maun
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 May 2024