Modulasetilo o akgola kereke
29 May 2024
Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, o akgoletse kereke ya Seventh Day Adventist (SDA) ya Ghanzi, go tshwara moletlo wa go lemoga sepodisi sa motse wa Ghanzi.
Fa a bua kwa moletlong wa dijo tsa maitseboa o o neng o rulagantswe ke ba SDA ka letsatsi la Tshipi, Rre Jeremiah Tibi o tlhalositse fa lefatshe le apesitswe kobo ka letshoba ke borukutlhi, kgokgontsho le tse dingwe.
O supile fa go le gantsi go lwantsha diemo tseo, ba sepodisi ke bone ba ba nnang ba itlhomile kwa pele ka jaana, ba filwe boikarabelo jwa go babalela setshaba.
Rre Tibi o gwetlhile makgotla a sedumedi go tshwaragana le ba sepodisi go bopa setshaba bogolo jang banana.
A re mapodisi ke thebe ya setshaba mme go le gantsi setshaba se itlhokomolosa ntlha eo, mme a re o solofela fa ba SDA ba segile tema e bontsi bo tlaa e salang morago.
Rre Tibi a re temogo eo, e tlaa thusa sepodisi go tswelela ba dira ka natla go lwantsha borukutlhi mo kgaolong ya bone le mo lefatsheng ka kakaretso.
O ne a lebogela lekgotlana la SDA la Master Guide le le rutang bana ka boitsholo jo bo letlelesegang le dithuto ka botshelo.
O gwetlhile dikereke le ba-na-le-seabe ka kakaretso go tshwaraganela twantsho borukutlhi le sepodisi go thusa go aga lefatshe le le nang le ledula. Fa a a fa maikaelelo a letsatsi leo, Mme One Serole, o ne a tlhalosa fa ka molao motheong wa kereke ya bone, ba itlamile go bopa boeteledipele jo bo rokotsang mathe mo bananeng ka dithuto.
Ka jalo, o ne a tlhalosa fa ba dira seo, ka go rutuntsha bana ka maitsholo a a letlelesegang go simolola fela ka ba ba dingwaga tse nne (Path Finders) go ya kwa go tse di lesome le botlhano (Adventurous Club).
A re dithuto tsa bone di akaretsa le bana ba eseng maloko a SDA, mabaka e le gore ope a seka a tlhaelwa ke thuto e e molemo.
Ka seo, a re ba ne ba bona go le maleba go lemoga ba sepodisi ka jaana, e le bone ba lebanweng ke namane e tona ya go lwantsha borukutlhi jo bo apesitseng toropo ya Ghanzi kobo ka letshoba.
O ne a rotloetsa mapodisi gore ba seka ba ipona tsapa ka go lwantsha borukutlhi mme a re e le kereke ba tlaa ba ema nokeng ka dithuto tsa go fetola maitsholo mme a re seo, se tla thusa go ba fokoletsa dikgetsi tsa borukutlhi.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Annah Rankho, o iteetse SDA legofi ka seabe sa bone sa go leka go fetola maitsholo a batho segolo jang ka dithuto mo baneng ba ba saleng ba botlana gore ba gole ba na le maikarabelo.
A re tiro ya go lemoga mapodisi ga se mmoa hela, ka go tlaa ba fa seriti mme gape go ba nonotshe go dira ka natla.
Moruti Gaamangwe Serole o ne a kgothatsa mapodisi go obamela ditaelo ka dinako tsotlhe go kgona go ntsha maduo a a nametsang mo tirong.
O ne a ba gwetlha go ikaega ka Modimo ka jaana, a re tiro ya bone e ba kopanya le diemo tse di diphatsa.
Fa a tswa la gagwe, Mookamela mapodisi a Ghanzi , Officer Commanding District No.6. Senior Superintendent Thari Senwelo, o ne a iteela ba SDA legofi go re ba kgonne go ba lemoga ka go dira ka natla ga bone mo setshabeng, mme a supa fa seo, se ba dirile motlotlo mme e bile se ba kgothatsa go ya go ntsha ga tshwene.
O ne a supa fa sepodisi sa lefatshe leno, se tsabakela mo go ntsheng maduo a twantsho borukutlhi fa se tshwantshanngwa le mafatshe a mangwe.
A re go ya ka ba World International Security and Police Index (WISPI), sepodisi sa Botswana (BPS) se ne sa bona maemo a bo masome mabedi le bosupa mo mafatsheng a le 195 mme mo Aferika sa itlhoma kwa setlhoeng. O ne a re BPS e ne ya ipoeletsa seboabobe gape ka maemo a ntlha mo Aferika mo dingwageng tsa 2017, 2020, le 2023 fa se ne se phadisanya le mafatshe a le 127.
A re ka seo, go supa fa sepodisi sa lefatshe leno, se dira ka natla mme a gwetlha setshaba go tshwaragana le sone gore se kgone go tswelela se tshegeditse serodumo sa sone.
Mokhanselara wa Ghanzi Township Central, Rre Shane Kebadile, o ne a lebogela thotloetso ya SDA mme a ba kopa go tswelela ka mowa o ka one a reng o tlaa ba nonotsha gore ba seka ba neela tshwene marapo mo tirong.
Mo go tse dingwe, o ne a kgala mokgwa wa go phatlalatsa ditshwantsho mo maranyaneng ka nako ya ditiragalo mme a gwetlha gore batho ba nne le mowa wa setho go thusanwe le ba sepodisi go mekamekana le seemo sa tiragalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Ghanzi
Event : Moletlo
Date : 29 May 2024