Go epa motlhaba ka bokukuntshwane go babalela noka
28 May 2024
Banni bangwe ba kgaolwana ya Shashe kwa Maun ba supile Matshwenyego ka go epiwa ga motlhaba mo go seng ka fa molaong kwa molapong wa Shashe o e leng bontlha bongwe jwa noka ya Thamalakane.
Ba re mo dingwageng di le mmalwa ba ntse ba bona jaaka magodu a motlhaba a hananka dinoka, selo se ba reng se sulafatsa tikologo.
Banni ba ngongoregile jaana mo puisanyong le BOPA ba bolela gore jaanong molapo o o fetotswe kwari ka ntata ya bontsi jwa motlhaba o o epiwang koo bosigo le motshegare Ba ikuetse mo bogoging go ba thologa mokgosi e seng jalo dilo di tlaa ya masweng.
Mokhanselara Lekonne Masoko ke mongwe wa ba ba supileng matshwenyego a gore bogodu jwa motlhaba bo keketse ebile bo babalela tikologo mo godimo ga moo go kgatlhanong le go elela ga noka ga tlholego ga mmogo le ka fa ditshidi tsa metsi di tshwanetseng go tshela ka teng.
A re magodu a motlhaba a senya bodilo kwa molapo wa Shashe ka dikoloi tse di rorang motlhaba malatsi otlhe, di baka dikgophu tsa maitirelo.
Dikgophu tseo a re di kgona go fetola kelelo ya metsi ya tlholego di a faposa go tsena mo nokeng. Rre Masoko o bile a re go busetsa lefatshe le le senyegileng mo seemong go ka turela puso, mme a kopa ba ba maleba go akofela seemo se ise se ye masweng.
A re bogodu jwa motlhaba ga bo senyakake dinoka fela, mme bo diphatsa mo bathong le mo baruing. Ka maswabi a re go gantsi ba leka go ikuela mo mapodising le badiri ba lephata la tshomarelo tikologo gore ba lwantshe bothata jo mme nako kgolo ke eno.
Mokhanselara a re mo go beyeng seemo leitlho ba atle ba bone dikoloi tse dikgolo di rwele motlhaba di tlhatloge molapo.
A re o kile a bo a kopa gore go ikatumediwe ba ba foromang ditena gongwe ba ka bolela kwa ba tsayang motlhaba teng.
Mme Keledi Thebeetsile o ne a dumalana le mokhanselara gore ba tlhoka thuso ya potlako ka jaana lefelo la bone le fetogile boremelelo jwa magodu a motlhaba, a tlatsa ka go re magodu a gape a epa motlhaba le mo masimong a a mo letshitshing la noka.
A re bangwe ba setse ba tshaba go ya masimo le morakeng ka poifo ya gore ba ka tloga ba tlhaselwa ke dilalome. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MAUN
Event : Puisanyo
Date : 28 May 2024