Tshere o lebogela tirisano le banni ba Mahalapye West
28 May 2024
Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye West, Rre David Tshere o lebogetse tirisano mmogo e bannai ba kgaolo ba e mo fileng.
O buile jalo bosheng fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahalapye. Rre Tshere o lebogetse go fiwa sebaka sa go nna moemedi wa kgaolo ya Mahalapye West kwa Palamenteng le kemo nokeng ya banni ba kgaolo ya Mahalapye ka kakaretso.
“Ke dumela gore ga ke a le swabisa ka ke lekile ka gotlhe, ke ntsha ga tshwene go buelela banni ba kgaolo ya Mahalapye Bophirima, le go thusa lefatshe la Botswana go ya pele,” ga tlhalosa Rre Tshere.
Le fa go ntse jalo, Rre Tshere a re o a lemoga gore ga go ise go lekane ka fa banni ba eletsang ka teng. A re tsholofelo le tumelo ke gore ba tlaa fitlhelela maikaelelo a bone go ya pele, fa ba bereka ba tshwaraganye.
Rre Tshere a re nngwe ya ditiro tsa ditlhabololo tse di solofetsweng go dirwa mo Mahalapye, ke maemelo le mapalamelo a dipalamo tsa setshaba a a tshwaraganyeng le marekisetso (shopping mall) kwa kgotleng ya Mowana .
O tlhalositse gore keletso ke gore bagwebi le setshaba ba tshwaragane le puso go fefosa mananeo le ditiro tsa ditlhabololo ka lenaneo la Public, Private Partner (PPP).
A re go dira jalo go fefosa go dirwa ga ditiro tsa ditlhabololo tse gantsi di diegang fa puso e tlhaelelwa ke madi.
Rre Tshere a re kago ya maemelo le mapalamelo a dipalamo tsa setshaba a masha le lefelo la marekisetso di tlaa tlhamela banni ba Mahalapye ditiro tsa nakwana ka nako ya kago mme morago go nne le tsa sennela ruri kwa marekisetsong.
A re tsholofelo ke gore tiro ya kago ya maemelo le mapalamelo a dipalamo tsa setshaba e simolole ka kgwedi ya Phukwi. Modulasetilo wa VDC, Rre Boniface Disho o supile fa a tshwenngwa ke go tlhoka go bereka ga dipone tsa ditsela le mekgwatha ya Mahalapye, seemo se se dirang gore motse o aparelwe ke lefifi.
Rre Disho a re se se tshwenyang ke gore khansele e bonya go di busetsa mo tirisong. Rre Disho o supile gape fa ditsela tsa Mahalapye di tlhokana le go baakanngwa, go akaretsa matshwao.
Fa a kgwa Rre Disho dikgaba Mopalamente Tshere a a tlhalosa fa khansele ya Mahalapye e le mo lenaneong la go baaknaya dipone go fokotsa lefifi le le apereng motse wa Mahalapye.
A re ditsela tsa motse di tsweletse ka go tokafadiwa, le fa madi a sa lekane e bile a kgaoganngwa dikgaolwana tsotlhe tsa Mahalapye.
Rre Tshere a re le fa go supagetse gore ditlhabololo tsa ditsela di ka tswa di tsaya lobaka go wela, o kopa banni go nna pelo telele. Monni wa Mahalapye, Rre Tshepo Boitshwarelo o ngongoregile ka gore diphaephe tse di phatlalatsang metsi a a nowang di nna fela di thubegile.
Rre Boitshwarelo a re o tshwenngwa ke gore ba lephata la metsi ga se gantsi ba tsibogela seemo se ka potlako, ka jalo a re o kopa gore ba dirisane sentle le morafe go baakanya seemo seo.
Mopalamente Tshere a re go lebega moalo wa diphaephe tse di phatlalatsang madi mo motseng di le dikgologolo, seemo se se dirang gore di thubege kgapetsa kgapetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego
Date : 28 May 2024