Breaking News

Mokgatlho wa Albinism o kopa dithuso

28 May 2024

 Modulasetilo wa mokgatlho wa Gallery Albinism Society Rre Keaobaka Amosele o ikuela mo setshabeng go ba thusa ka sengwe le sengwe se baka o kopa dithuso mo setshabeng gore ba kgonne go rulaganyetsa letsatsi la ba-na-le boswafe. 

Fa a bua ka letsatsi la bokopano jwa malapa go itlosa bodutu (family fun day) bosheng kwa Serowe, Rre Amosele o supile fa seo seka ba kgontsha go tsamaisa modiro wa mafatshe fatshe wa letsatsi la ba-na- le boswafe le le tlaa tshwarwang Seetebosigo e tlhola lesome le boraro kwa Serowe.

A re dingwe tsa ditiragalo tsa letsatsi di akaretsa dithuto tse di farologanyeng go tsibosa  setshaba ka ba-na- le boswafe, a tlhalosa fa go santse go bonala kgethololo e ntsi kgatlhanong le ba-na-le boswafe. Rre Amosele a re nngwe ya kgethololo e e teng, e bonala thata kwa ditirong.  O ne a tswelela a kopa beng ba dikgwebo go ba thapa kwa madirelong a bone, a tlhalosa fa ba-na-le bos-wafe ba na le bokgoni fela jaaka mongwe le mongwe. 

Rre Amosele o tlhalositse  fa go le botlhokwa go ruta setshaba  ka ba-na-le boswafe gore ba tle ba itse gore ba ka  tshela le bone jang ba sa ba tshabe le go ba kgobotla.

Fa a bua ka dikgwetlho tse   ba-na-le boswafe ba ba kopanang natso jaaka go babalelwa ke letsatsi mo go felelang ba nna le bolwetsi jwa kankere ya letlalo, matlho le meno.

 

Le fa go ntse jalo, Rre Amosele  a re puso e ba fa thusa ya ditlolo le tse dingwe a re ga go a lekana ka jalo ba kopa setshaba go ba thusa ka melora ya bone le ditlolo tsa bone ka di a tura. 

Rre Amosele o ne a leboga bangwe ba barotloetsi  ba  mokgatlho wa bone ba akaretsa, Rre Tebogo Seeletso wa Durataland Gardens kwa moletlo wa letsatsi la bokopano jwa malapa go itlosa bodutu o ne o tshwaretsweng teng, Rre Fankie Kokoro wa Kokoro feedlot le Mme Maungo Matseke go tswa Tapinda lodge kwa Palapye.

 

Mokgatlo wa kgwele ya dinao wa Nnakgolo Social Club ba ne ba abela mokgatlho P1 175 e le go supa kemo nokeng ya bone mo mokgatlhong. Ba supile  fa ba tlaa ema mokgatlho wa ba-na le boswafe nokeng gore tiro ya letsatsi bone le atlege.

E rile a amogela mpho eo,  Rre Amosele o ne a  lebogela mpho eo, a supa  fa go le sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Bokopano

Date : 28 May 2024